Bokamoso o tsosolosa diletso tsa ngwao
06 Jun 2014
Lekgotla la Bokamoso Trust le le itebagantseng le boleng jwa thuto ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba merafe e e kgakala le ditlamelo, le tshwaragane le lephata la metshameko le ngwao ba simolodisitse thuto puisano ya malatsi a matlhano go rutuntsha banana ka diletswa tsa ngwao jaaka segaba le setinkane.
Motshwarelela mogokaganya ditirelo wa lekgotla la Bokamoso Trust, Rre Kuela Kiema a re maikaelelo a dithuto tse ke go ruta bana go tshameka diletswa tsa ngwao ya setswana di tshwana le setinkane le segaba tse mo nakong eno tiriso ya tsone e ileng kwa tlase mme di bonelwa thata mo bagoding ba ba nnang kwa magaeng.
E rile a bua ka letsatsi la tshimolodiso semmuso la thuto puisano e, Rre Kiema a re ka dithuto tse, ba batla go tsosolosa tiriso ya diletswa tsa ngwao ka go ruta banana ba Botswana go di dirisa le go di tshameka. A re fa ba setse ba itse go di tshameka ba tla di somarela mme ke gone jaaka ba somarela ngwao ya bone.
Rre Kiema a re batsaya karolo mo dithutong tse ba masome a mabedi le boraro mme ba tswa mo dikgaolong tsa New Xade le D’kar, ba kgaogantswe ka barutabana ba le bane ba ba nang le dikitso tse di tseneletseng ka diletswa tse.
A re ba ne ba eleditse go akaretsa baithuti ba le masome a matlhano mme ga go a kgonagala ka lebaka la tlhaelo ya didirisiwa le gore lefelo le ne le sa lekana go amogela palo e e kalo.
Rre Kiema o lebogetse thotloetso ya lephata la metshameko le ngwao ka P100 000 le gore lephata leo le tla tswelela le rotloetsa tiro eo ngwaga le ngwaga.
Mogokaganya ditirelo wa kgaolo ya Ghanzi wa lephata la metshameko le ngwao, Rre Gobonaone Ramoupo a re ba leboga e bile ba lemoga botlhokwa jwa dithuto tse le kgodiso ya ngwao ya Botswana.
A re thuto puisano e, e botlhokwa thata ka gore e tsamaelana le se lephata la gagwe le se tlhametsweng sa go tlhabololo ngwao. A re ba ikaelela go rotloetsa ngwao ka go e somarela, go e tlhabolola ga mmogo le go godisa ditso tse di farologaneng tsa Botswana.
Rre Ramoupo o rotloeditse baithuti go tsaya dithuto tse ka tlhoafalo le go tswelela ba ikatisa fa di tla bokhutlong mme ba dirise dikitso tse ba di amuleng go ya go tsenelela dikgaisano tse di farologaneng di akaretsa tsa letsatsi la ga tautona.
A re banana ba ka dirisa dikitso tse ba di amuleng go itshetsa ka gore ba ka dira mafelo a bojanala mme ba itlhamele ditiro ka madi a a tla bong a tla ka bajanala.
Kgosi ya motse wa D’kar Rre April Montshosi, a re o lebogela se lekgotla le se dirang ka le thusa go somorela ngwao ka go e ruta banana ba eleng bone babusi ba kamoso.
A re mafoko a a neng a buiwa ke tautona wa pele fa lefatshe leno a gore setshaba se se nang ngwao ke mo ka se latlhegile, ke boamaruru mme banana ba tlhoafalele dithuto tse di tle di ba tswele mosola mo isagong le bone ba bo ba di rute ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Thuto puisanyo
Date : 06 Jun 2014