Breaking News

Bana ba tlhakaladitse ka go tshaba sekole

06 Jun 2014

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka a re o tshwentswe thata ke go golela pele ga dipalo tsa baithuti ba sekolo se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane ba ba tsweletseng ka go tlogela sekolo ka ntlha ya boimana le botlhokatsebe.

Rre Ngaka o supile matshwenyego mo phuthegong ya kgotla kwa Takatokwane bosheng fa a ne a etetse banni ba motse oo go ba lekola le go ba rolela tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng.

Mopalamente o tlhalositse fa e rile ngwaga o o fetileng baithuti ba le masome a matlhano le boraro ba tlogela sekolo mme mo go bone ba le boferabobedi ba tlogetse ka ntlha ya boimana. O supile fa kgang e e ngomola pelo fela thata ka jaana go supagetse fa batsadi le bone ba e itlhokomolositse.

Rre Ngaka are batsadi ba beile tsotlhe mo barutabaneng a kaya fa batsadi ba sa tsenelele diphuthego tsa sekolo go lekola thuto tsa bana ba bone.

A re barutabana kwa sekolong ba supile fa go sena tshwaragano magareng ga batsadi le barutabana, ka mokgweleo otlhe o beilwe mo diatleng tsa bone. 

O supile fa maduo kwa sekolong seo a wetse tlase fela thata. O gakolotse batsadi go tlhaloganya fa go sena ka fa thuto ya baithuti e ka tokafalang ka teng fa ba sa ikiteye ka thupana go netefatsa gore ba rotloetsa bana go tlhwaafalela dithuto tsa bone.

Mopalamente Ngaka o tsweletse ka go lemotsha baithuti go tlhaloganya fa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone mme ba tshwanetse go dira tse di molemo gore ba seka ba ikotlhaa mo isagong.

A re thuto ke yone fela tsela ya go ipuelela dikgoro tsa botshelo le gone go itirela bokamoso jo motho a ka sekeng a bo amogwe ke ope.

Mopalamente o ne gape a rotloetsa batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng go netefatsa gore ba tlhaloganya molemo le bosula ka jaana kereke e bopa maitsholo a motho.

Fa ba akgela mo phuthegong batsadi ba supile fa e le boammaruri go lebega ba le boitseme go lemotsha bana ka botlhokwa jwa thuto ka bana ba ba paletse,ba sa amogele dikgakololo tsa bone gotlhelele.

Mongwe wa batsadi, Botlhalebotsile Phagane o boletse fa melao ya ditshwanelo tsa bana e e tlhamilweng ke puso e le yone e gakatsang maitsholo a a makgapha a bana ka ba sa kgalemelesege ba supa fa bone ba na le ditshwanelo.

Mogokgo wa sekolo seo,rre Tshediso Arabang o supile fa go sena tshwaragano magareng ga bone le batsadi gothelele.

A re le fa ba biditse diphuthego tsa batsadi le barutabana,batsadi ba ithela moriti o tsididi fela ntswa ba tshwanetse go tla go lekola seemo sa bana.

O supile fa seemo se,se ba tshwentswe fela thata ka jaana se digela maduo a sekolo ko tlase.

A re go a swabisa go utlwa batsadi ba supa fa bana ba ba paletse ntswa bone ba sa tseye epe karolo ya go tla sekolong go tla go tsenelela diphuthego.

Fa a tsibogela kgang tseo, mopalamente Ngaka o gakolotse batsadi go kopanya bana le ba bogakolodi ba tshwana le ba boipelego go fiwa bogakolodi ka le bone ba na le dikgwetlho tse di ba lebanyeng. 

A re tshwaragano ya batsadi le barutabana e botlhokwa fela thata.

A re kgang ya ditshwanelo tsa bana ga e kake ya paledisa motsadi go bontsha ngwana molemo le bosula ka jaana go sena molao o o kganelang batsadi go dira seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Jun 2014