Breaking News

Tirisanommogo e a reketla kwa Kgalagadi Borwa

05 Jun 2014

Boeteledipele jwa metse mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bo ngongoregile ka go tlhoka therisano le tirisanommogo magareng ga bone le ba lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong eo.

Ba buile mafoko a mo thuto-puisanong e ba neng ba e rulaganyeditswe ke ba lekgotla leo kwa Tsabong bosheng. Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Jenkins Hiri o supile fa go le botlhokwa gore baemedi ba metse ba rerisiwe ka kabo ya lefatshe ka ba le itse botoka go na le bone.  

O supile fa go le botlhokwa gore ba nne le dipuisano le boeteledipele jwa metse ka seo se ka thusa thata mo kabong ya lefatshe e e tlhamaletseng e bile e le mo pontsheng.

O tsweletse a tlhalosa fa lefatshe le tlhaela ka gonne ga le oketsege mme batho bone ngwaga le ngwaga ba a oketsega, jalo a kopa batsena thuto-puisano go ela tlhoko seemo seo.

O kaile fa bokopano bo tshwana le joo bo ka thusa thata mo tharabololong ya dikgang tse di aparetseng lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong ya Kgalagadi.

Rre Hiri o tlhalositse gore go botlhokwa gore setshaba se tswe ka methale le maano a tiriso ya lefatshe go na le go supasupana ka monwana le ba lekgotla la kabo ditsha.

Mokwaledi mo lekgotleng leo, Rre Abedinico Maphuru a re go na le dikgang tse gantsi ba kopanang le tsone di tshwana le go tlhoka kutlwisisano ga masika fa ba kopanetse didiba le tse dingwe ditlhabololo tse di dirwang mo motseng mme boeteledipele bo sa rerisiwa ka tsone ke ba lekgotla la kabo ditsha.

Kgosi Gabariel Ntau wa Maleshe ene o kgadile thata ba lekgotla leo ka go tlhoka go nna le therisano le baemedi ba metse, mme a ba kopa go busetsa tshwaragano eo, ka e ka thusa go tlhofofatsa tiro ya bone.

Mokhanselara wa Kokotsha Rre William Titus o kaile fa go le botlhokwa gore ba lekgotla la kabo ditsha ba netefatse gore ba diragatsa se ba se buang nako tsotlhe gonne nako e nngwe ke bone ba lotlhanyang morafe ka ditsamaiso tse di sa rerisanwang.

Mogolwane go tswa kwa lekgotleng leo , Rre Chippa Tsimako o  tlhaloseditse batsena thuto puisano fa go na le didiba tse di ntsi kwa kgaolong eo, mme go supagetse fa dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa sentle ka fa molaong.

A re ba lekile go tlhomamisa fa di leng teng, go di tsenya mo dibalamakgolong gammogo le go dira mealo ya tsone e e beilweng kwa dikgotleng .

O kopile baemedi ba metse e e farologaneng  go ba thusa ka go batla fa didiba di leng teng , ka seo se ka thusa thata mo go natefatseng palo yotlhe ya tsone le go itse beng.

Mogolwane go tswa mo lekgotleng leo Rre Oduetse Otukile o rotloeditse batsena thuto –puisano eo go dira title deeds le lease  go tlhomamisa gore setsha ke sa gago ka fa molaong.

Rre Otukile a re dikgwetlho tse ba kopang le tsone di akaretsa dikoloto tsa batho ba ba sa dueleng ditsha tsa bone tse di tshwanelwang ke go duelwa le gore mo gongwe ba bo ba sa itse kwa bangwe ba bone ba leng teng.

Mo mafokong a malebo, mopalamete wa kagolo  Rre John Toto o galaleditse thata ba lekgotla la kabo ditsha ka thuto-puisano eo, a kaya fa seo se tla thusa go phimola dingongorego tsotlhe tse di ntseng di le teng magareng ga baemedi ba metse ba akaretsa dikgosi, ba komiti ya ditlhabololo gammogo le ba lekgotla leo.

Mopalamente o supile fa go tshwanetse ga nna le tshwaragano gonne  baemedi ba metse ba botlhokwa ka e le bone ba ka rarabololang dikgang tsa go tlhoka kutlwisisano tsa kabo ya ditsha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Thuto puisanyo

Date : 05 Jun 2014