Banni ba Radisele ba itumelela Ipelegeng
05 Jun 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Radisele mo kgaolong ya Serowe Borwa, Mme Kobamo Kaisara, a re komiti ya gagwe e tlhapile batho bale 115 mo ditirong tsa Ipelegeng.
Mme Kaisara o boletse mo potsolotsong gore mo bathong bao, go tlhapilwe basadi bale 95 le banna bale 20 mo ditirong ditshwana go agelela mabitla, go aga matlwana a boitiketso ale mabedi kwa mabitleng, go tokafatsa seemo sa ditsela tse di mo motsing ka go ntsha ditlhare le go tlhabolola lefelo le le neng le nna badiri ba konteraka e neng e aga madirelo a go tlhatswetswang metsi letswai teng.
A re lefa ele keletso ya komiti ya gagwe go wetsa ditiro tsotlhe tse ba di abetsweng ka nako, sebe sa phiri ke go itsemeletsa ga badiri ba Ipelegeng ka bangwe ba bone ba kgona go robala ka nako ya tiro fa bangwe ba bereka ka go kgarametswa ntswa ele bone ba ikopetseng go dira mo Ipelegeng.
Mme Kaisara o tlhalositse fa khansele e ba abetse P28 000 gore ba kgone go tlhabolola lefelo le e neng ele diofisi tsa konteraka e neng e tlhatswa metsi letswai kwa masimong a Bikwe, gore lefelo leo le dirisiwe ele diofisi tsa maphata a Mmuso jaaka ba lephata la temo-thuo le boipelego ba ba se nang fa ba direlang teng.
Mabapi le dikgang tse dingwe Mme Kaisara o tsweletse ka go bolelela ba lekalana la dikgang fa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Radisele e kolotiwa P1 300 ke barutabana ba sekole sa Radisele Community Junior Secondary le ba sekole se se botlana ba go bolelwang ba nna mo matlong a VDC.
A re ere ka gona le lobaka ba ntse ba buisana le barutabana bao, mme go sena nko e tswang lemina ke sone se ba isitseng barutabana bao kwa lekgotleng la Setswana goya go arabela melato ya bone.
O tlhalositse fa komiti ya gagwe ena le madi a tshwarang P12 000 kwa bankeng.
Mme Kaisara o tsweletse ka go tlhalosa fa komiti ya gagwe e bona madi a go tsweledisa ditlhabololo ka go hirisa matlo, go rekisa motlakase le go rekisa nama ya dikoko e bile a bolela fa ba ruile dikoko tsa Setswana tse maikaelelo eleng go di rekisetsa ba komiti e itebagantseng le go nyeletsa lehuma. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 05 Jun 2014