Breaking News

Batsadi tshoso e rweleng

05 Jun 2014

Mothusa mogokgo wa sekolo se segolwane sa Linchwe II, Mme Oteng Phatshwane o kopile batsadi go nna ba iponatsa mo sekolong go lekola gore bana ba dira jang mo dithutong tsa bone.

Mme Phatshwane o buile seo kwa phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba ba dirang mophato wa boraro gone kwa sekolong seo bosheng.

Mothusa mogokgo a re moono wa phuthego eo ke go tla go bona gore ba rotloetsa jang bana ba mophato oo ba a tlhalositseng fa ba saletswe ke dikgwedi di le tharo gore ba kwale ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang.

O tsweletse a re gore ngwana a dire sentle mo dithutong tsa gagwe o tlhokana le kemo nokeng ya batsadi le barutabana mme o ne a kopa batsadi go tshwaraganela tiro ya bana le barutabana.

O ne a gape a supa fa batsadi ba letlelelwa go tla sekolong go tla go bona gore ngwana o dira jang a tlhalosa fa kgwedi le kgwedi bana ba kwala ditlhatlhobo mme a tlhalosa fa batsadi ba gololesegile go tla go bona maduo ao.

Mo go tse dingwe o ne a supa fa sekolo sa bone se ntse se dira sentle fela thata mo ditlhatlhobong dingwaga tse tharo tse di fetileng a tlatsa ka gore se ntse se tsaya maduo a ntlha mo dikoleng tsotlhe tse di mo kgaolong ya Kgatleng.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutabana ba sekolo seo yo o rutang dithuto tsa bokaedi le bogakolodi Mme Salo Masisi-Moshapa o ne a kopa batsadi go nna ditsala le bana ba bone.

A re metlha ga se ya maloba e mo go yone motsadi a ne a sa bue le ngwana dikgang dingwe le dingwe a supa fa bana ka bontsi ba tlogela sekolo ka ntlha ya boimana e le kgang ya go tlhoka go bua le bana.

Mme Masisi- Moshapa o ne gape a tlhalosa fa bana ba tlhokana le go fiwa lorato nako tsotlhe gore le bone ba lemoge gore ba na le boleng selo se a tlhalositseng fa bontsi jwa batsadi ba sa se tsee tsia.

O tsweletse a re bana ga ba a abelwa ka go tshwana mo dithutong a supa fa go na le bana ba ba sa kgoneng mo go tsa thuto mme ba na le bokgoni mo metshamekong mme o ne a kopa batsadi go rotloetsa bana ba go nna jalo go na le go ba kgoba ka mafoko fa ba sa dira sentle mo dithutong .

O ne gape a kopa batsadi go nna ba ba lekodisa ka botsogo jwa bana a tlhalosa fa go le gantsi batsadi ba tlisa bana mo sekolong mme ba sa lekodise barutabana fa ngwana a tshwenngwa ke bolwetsi bongwe.

Fa ba akgela batsadi ba ne ba leboga barutabana ka phuthego eo ba supa fa ba tla tshwaraganela tiro ya bana le bogogi jwa sekolo seo.

Le fa go ntse jalo ba ne ba supa matshwenyego ka bokopano jwa barutabana jo ba supileng fa bo tsaya nako e telele ba tlhalosa fa mo nakong eo bana ba a bo ba sena yo o ba rutang.

E rile a latlhela la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Alfred Koitsiwe o ne a bua a sa kgwe mathe ka batsdai bangwe ba a kaileng fa ba rekisetsa bana ba dikolo ditagi mme o ne a kopa bao ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo.

Mo go tse dingwe o ne a supa fa bana bangwe ba sekolo seo ba inaakantse le go dira mokgwa o o maswe wa go reka senotsididi tsa Twizza sa motswako wa ginger ba bo ba se tlhakanya le dipilisi tsa grandpa go e tagisa.

Modulasetilo o tlhalositse fa bana bao ba tlhokana le go kgalemelelwa tiro e a kaileng fa e ka ba senyetsang bokamoso.

O ne gape a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go rekela bana dilwana tse diturang tse di akaretsang megala ya letheka a tlhalosa fa seo e le sone se se tlisang botlhoka tsebe jwa bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Jun 2014