Monana o galaletsa lephata
06 Jun 2014
Lephata la banana le galaleditswe go bo le tsweletse ka go neela banana madi go itlhamela ditiro.
Se se supilwe ke mongwe wa banana ba Motlhabaneng kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Oagile Maruatona, wa madirelo a Fondoka Investment yo o dirang kgwebo ya go foroma ditena.
O tlhalositse fa e rile ka 2013, lephata la banana la mo neela P100 000 go simolola kgwebo ya go foroma ditena. A re kgwebo ya gagwe e rotloeditswe ke go bona baagi ba Motlhabaneng ba tsaya mesepele e meleele go ya go reka ditena kwa mafelong a a kgakala jaaka Bobonong .
O tlhalositse fa madi a a neetsweng ke lephata a kgonne go reka didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang go tsamaisa kgwebo gammogo le go thapa badiri ba le babedi.
O supile fa kgwebo ya mofuta o, e le yone fela mo Motlhabaneng jalo e dira dipoelo tse di nametsang ka a sena ope yo a phadisanang le ene. Rre Maruatona a re ba komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ba mo neetse tetla ya go rwala motlhaba kwa nokeng ya Motloutse.
A re mathata a kopanang le one gantsi ke gore batho bangwe ba reka ditena ka madi a tlhaela mme se se mo pateletse gore a ba rekisetse fela fa ba bangwe bone ba reka ka sekoloto.
O supile fa letlhoko la se se rwalang jaaka koloi go mmaya ka fa mosing ka go mo pateletsa go thapa dikoloi go isa ditena kwa bareking. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 06 Jun 2014