Tlotlang kgotla - Ngaka
05 Jun 2014
Kgotla ke lefelo le le masisi le le tshwanetseng go tlotlwa ke setshaba ka jalo le dipitso tsotlhe tse di tshwarelwang mo go yone di tshwanetse tsa fiwa tlotlo e e kwa godimo.
Mafoko a, a boletswe ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima ,Rre Ngaka Ngaka kwa Maboane jaaka a tsweletse ka go buisa metseletsele ya diphuthego kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi.
A re mo setswaneng, kgotla ke lefelo le le faphegileng le go buelwang merero yotlhe ya botlhokwa teng, kwa kgosi le morafe ba itekodisanyang teng gammogo le go ithutela molao le tsa ngwao teng, ka jalo go botlhokwa gore ope yo o fetang fa go yone a supe tlotlo, se e le go tlotlomatsa boleng jwa yone.
Rre Ngaka o tsweletse a bolela fa ka tshwanelo setshaba se iketleeletsa kwa kgotleng nako e sale teng mme mongwe le mongwe a tseye manno a gagwe pele ga dibui di goroga. O kgadile a menne phatla go thulathulana mo go atleng go itshupe ka dinako tsa diphuthego, a bolela fa seo e se go tlotla kgotla.
A re ga se setho gore beng gae ba tle go lwela manno le baeng kwa kgotleng , ka jalo o kopile gore seo se emisiwe ka ponyo ya leitlho ka jaana se ka isa seriti le boleng jwa beng gae kwa tlase.
Mopalamente o buile se morago ga gore e re a tsena kwa kgotleng ya motse wa Maboane, morafe o simolole go thulathulana go ipatlela manno mme seo sa dia tshimologo ya phuthego.
E ntse e le kwa phuthegong eo, modulasetilo wa komiti ya banana kwa motseng oo, Rre Boipelo Molatlhiwa o lekodisitse mopalamente le batsena phuthego eo fa bangwe banana ba ba mo lenaneong la tirelo setshaba ba sa itumedisiwe ke go latela madi a bone a dituelo kwa Molepolole ka ba kaya go le kgakala mme e bile le one madi ao a le mannye fela thata, ka jalo a felela fela mo go dueleng dipalamo.
O tsweletse a tlhalosa fa banana ba bolela fa ba rometswe kwa maphateng go direla teng ntle le go ya go rolwa, ka jalo seo se ba berekisa bokete ka ba felela ba sa itse se se solofetsweng mo go bone.
A re banana ba ngongoregile gape gore ba bo ba sa letlelelwe go ka ikopela dithuso mo lenaneong la banana la Youth Development Fund le mororo ba sa berekele madi ape a a kalo. Ba supile fa seo se ba tshwenya fela thata mme e bile ba kopa mopalamente wa bone go ya go kopa kwa go ba ba lebaneng gore melao mengwe ya lenaneo e baakanngwe ka e ba beile ka fa mosing.
E ne ya re a akgela, Rre Ngaka a bolela fa puso e ne e leka go thusa banana ba ba sa direng gope go itshwarela ka diatla mme ka bonnye jo ba bo neelwang ba tle ba kgone go ithekela melora, a bolela fa legale a tlaa isa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba.
Mopalamente Ngaka o lekodisitse banni ka molao o o sa tswang go fetisiwa ke palamente wa tiriso ya bosupi jo bo tswang mo didirisiweng tsa maranyane kwa makgotla tshekelo le molao o o teng o mosha wa tlhakanelo dithoto mo lenyalong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Jun 2014