Kgaogo ya metsi e jesetsa mo lesweng
05 Jun 2014
Bagwebi kwa Masunga, Vukwi, Letsholathebe le metse e mengwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ngongorega ka go kgaoga ga metsi mo go diragetseng beke e e fetileng go simolola ka Labone, Motsheganong a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabongwe go fitlhelela ka Labobedi wa beke eno, Seetebosigo a tlhola gararo.
Bagwebi ba tlhalositse fa khamphani ya metsi ya Water Utlities e ne e sa ba rerisa ka seo , mme tiragalo e, e ne e emisitse ditiro tsa bone ya ba ya baka le ditshenyegelo kwa malwapeng gammogo le kwa dikgwebong.
Mo potsolotsong bosheng, mogwebi wa Holly Hair Salon kwa Masunga, Mme Jane Nfakose o tlhalositse fa go kgaoga ga metsi go diile kgwebo ya gagwe fela thata. A re o ne a sokola go tlhapisa batho meriri mo go kgotsofatsang le gone ka nako, ka ba tshwanelwa ke go dirisa di emere le diketlele go tlhatlhaga metsi.
Mme Nfakose o kaile fa go tlhoka go rerisiwa ke ba kompone ya metsi go ba amile fela thata ka ba tshwanelwa ke go dirisa matsana a dipoelo tsa dikgwebo go tshela dikoloi leokwane go ya go kopa metsi kwa metseng e mengwe jaaka wa Nshakashogwe, le go kopa mo go ba ba neng ba kgonne go beeletsa metsi a dipula tsa maloba.
O tlhalositse fa seemo se,se isitse kgwebo ya gagwe kwa tlase ka bangwe ba sa dumele go tlhapisiwa meriri ka metsi a pula jalo ba felele ba tsamaile.
Mogwebi yo mongwe wa ditena wa Amigo Bricks, Mme Naledi Moabi o supile fa a ne a tshwanelwa ke go tswala marekisetso a gagwe ka go dira ditena go tlhoka tiriso e ntsi ya metsi. O tlhalositse fa bareki ba gagwe ba setse ba sa mo lebe sentle ka a ne a tshwanelwa ke go emisa dikopo tsa bone.
Mme Moabi a re o tshogetse le gore bareki ba gagwe ba tla batla thuso go sele ka ene a paletswe ke go ba itumedisa jaaka ba ne ba dumalane. O supile fa kgaogo e ya metsi, e sentse kgwebo ya gagwe leina ka jaanong e tla itsege ka go sa ntsha maduo ka nako le go sa kgotsofatse le go obamela bareki jaaka a ne a ba solofeditse.
E rile a latlhela la gagwe, Mme Tebogo Bakwali wa Masunga Professional Laundry a kaya fa batho ba kopile go busetswa diaparo tsa bone ka a sa kgona go di tlhatswa ka nako e ba neng ba e dumalane. O tlhalositse fa a ne a sa solofela seemo sa mofuta oo, segolo jang ka kgwedi e ne e fedile mme o kaile fa a sa itumelela tirisanyo mmogo ya ba koporase ya metsi ka a tshwanelwa ke go duela lefelo le a direlang mo go lone kgwedi e fela, ka jalo seemo se, se digela maduo a kgwebo ya gagwe tlase.
A re e sa le a simolola kgwebo ya gagwe ka 2005, ke lantlha a kopana le tiragalo ya mofuta o, le ntswa ba ne ba etle ba itemogele kgaogo ya metsi sebaka sa letsatsi kgotsa dioura mme e seng go feta letsatsi.
Mme Bakwali o tlhalositse fa se, se mo rutile go nna a ipaakanyeditse diemo tsa mofuta o, ka go ya go ipatlela sengwe se le ene a tla beeletsang metsi a pula ka sone go tsweledisa kgwebo ya gagwe fa a ka tlhagelwa ke mathata a tshwana le a mo isagong.
Fa ba tswa la bone, banni ba motse wa Vukwi ba kaile fa tiragalo e, e beile matshelo a bone mo diphatseng ka jaanong ba ne ba a nwa metsi a noka a le one ba senang bosupi jwa gore a siametswe go ka nowa.
Mme Dikeledi Matshana o tlhalositse fa go se motlhofo go ka bidisa dilithara tse di masome a mabedi le botlhano tsa metsi go bolaya megare gore ba kgone go kolobetsa magalapa.
Moagi yo mongwe, Mme Sabata Basupetsi ene o tlhalositse fa a ne a sa kgona go tlhatswa paka ya bana ya sekole ka a ne a ikaeletse go e baakanya ka matlhatso ka dikole di ne di le gaufi le go bulwa. O tlhalositse fa ba ne ba tshwanelwa ke go itshutlha matlho fela ka ba tshaba go feleletsa thothi e e teng ka go tlhapa mebele.
Mme Basupetsi o tlhalositse fa a ne a tsamaya sekgele se seleele go ga metsi kwa molapong, le ntswa le one a ne supa gore a ka nna a ba latlha nako nngwe le nngwe ka morafe otlhe wa Vukwi o sietse teng.
E rile a latlhela la gagwe, Mme Lovie Batendi a tlhalosa fa a nnile malatsi a le mane a sa itshele metsi mo mmeleng ka a ne a sa lekane go dira ditiro tsotlhe tsa mo lapeng. O tlhalositse fa ba ne ba sa je jaaka ba tlwaetse ka gonne metsi a sa lekane go apaya gararo mo letsatsing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 05 Jun 2014