Go nna le bakapelo ba le bantsi go diphatsa
04 Jun 2014
E rile bosheng maloko a setlhopha sa mmino wa setso sa Tselakgopo, go tswa kwa Serowe ba bolotsa letsholo la go rotloetsa baratani go dirisana le motho a le mongwe ka go na le maduo a a nametsang go fema go tshabelelwa ke kanamo ya malwetse a tlhakanelo dikobo.
Go tlhomamisitse jalo molomaganya ditiro wa setlhopha, Rre Warona Ramaribana, fa ba ne ba biditse pitso mo dikgotleng tsa merafhe ya metse ya Moiyabana, Mabuo, Sehunong, Motshegaletau, Thabala, Mogorosi le metse e mabapi ya Serowe.
Rre Ramaribana o tlhalositse fa mo ditshekatshekong tsa batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS go supagetse fa go nna le bakapelo ba feta bongwe go nnile le thotloetso e tona mo kanamong ya mogare.
Ka jalo, a re ba kgathala ka matshelo a Batswana ba lefatshe leno ebile se ele nngwe tsela ya go fitlhelela maikaelelo a tebelopele ya ngwaga wa 2016 ya tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso.
Rre Ramarbana a re ba bone go le matshwanedi go bolotsa letsholo le go ruta le go lemotsha baratani bo molemo jwa go dirisanya le mokapelo a le mongwe gammogo le go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa go nna le baratani ba le bantsi.
“Go nna le bakapelo ba le bantsi go na le tshono e ntsi go rotloetsa kanamo ya malwetsi a tlhakanelo dikobo mo barataning ba ba amegang, ka jalo go beye matshelo a bone mo diphatseng” a bua jalo a tlatsa ka go supa fa gape go baka go tlhoka kutlwisisanyo mo malwapeng, selo se a reng se ka feletsa se thuba malwapa.
A re go thoka kutlwisisano mo lapeng go baya kgodiso ya bana ka fa mosing, ebile ba ka gola ba na le tenego e feteletseng e ka dirang go re kamoso ba tsoge ba fetlogile bakgokgontshi.
Ka jalo a tlhalosa fa go dirisanya le mokapelo a le mongwe go le botlhokwa go aga lelwapa le le tiileng. O ne gape a kgotlhatsa baratani go nna le tshepho mo leratong ka dinako tsotlhe ka a re se se ka ba thusa go itsa tsietso mo malwapeng a bone.
“Go tlhoka go nna le tshepho mo mokapelong wa gago go ka feletsa go patleletsa mokapelo o mongwe go nna le bakapelo ka fa thoko” a gatlelela jalo mme a tlhalosa fa go le borai ka go ka tsosa le dikgotlhang mo malwapeng.
Le fa go ntse jalo, Rre Ramaribana o ne a gwetlha segolo bogolo banana ka a re ke bone ba ba amegang bobe mo dikgannyeng tsa go nna jaana go iketaya ka thupana go babalela matshelo a bone ka go tsaya kgato e e maleba go itshireletsa mo kanamong ya malwetsi a tlhakanelo dikobo.
O bile a gakolola baratani go ya go itlhatlhobela malwetsi a tlhakanelo dikoboka kwa dikokelwaneng tse di gaufi kgotsa ba ka etlela ba Tebelopele go itse seemo sa bone boo babedi.
A tlatsa ka go supa fa go itse seemo sa gago le mokapelo wa gago e le tsela e e faphegileng go iphemela le go tswa ka ditlharabololo go kgothatsana fa mongwe a amegile.
Le ntswa setlhopha se se tshwaragane le namane e tona go gasa molaetsa o o botlhokwa jaana, ba re ba lela ka letlhoko la kemedi go bodusa tema ya bone go tsibosa Batswana, segolo bogolo ka e le setlhopha se se ikemetseng ka bo nosi.
Ba ne ba isa malebo kwa go ba lekalana la botsogo la NACA go bo ba tshwaragane le bone ka go ba rotloetsa ka dithuso tsa madi go tswelela go rera efangedi e.
Rre Ramaribana a re fa e sale setlhopha sa bone se gatisiwa semmuso ka fa molaong ka ngwaga wa 2005, se nnile le tokafatso maduo go tsibosa le go ruta ka tsa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Letsholo la go gasa molaetsa
Date : 04 Jun 2014