Breaking News

Ipaakanyetso meletlo ya boipuso e tsweletse

04 Jun 2014

Mothusa molomaganya ditiro tsa komiti e tlhomilweng ke puso go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa Rre Bopelo Gabothusi, a re Batswana ba tshwanetse go ititaya ka thupana go baakanyetsa meletlo ya boipuso joo.

E rile a bua mo phuthegong e neng e tshwaretswe mo dikagong tsa khansele bosheng, Rre Gabothusi a bolela fa komiti eo e okametswe ke komiti e e bopilweng ka matona a puso, mme e tlhatlhangwa ke komiti e tlhamilweng ka bakwaledi ba maphata fa e tsweletse ka go buisa diphuthego mo dikgaolong tsa lefatshe leno go lekodisa Batswana ka dipaakanyetso tsa boipuso joo.

A re go mo maruding a Batswana ka bongwe ka bongwe gammogo le ba ba ipopileng ditlhopha go ipotsa gore ba diretse eng lefatshe la Botswana mo dingwageng tse di masome a mane le boferabobedi tse di fetileng go tsena ka 2016 fa lefatshe la Botswana le tla bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa morago ga go tsaya Puso mo go Mma-mosadinyana ka ngwaga wa 1966.

Rre Gabothusi o boleletse batsena phuthego eo gore ele banni ba Mahalapye le metse emo tikologong ba ka kgona go gatela pele fa gona le tshwaragano fagare ga badirelapuso, lekgotla la bagwebi,dikompone tse di kopanetseng ditiro le mmuso gammogo le setshaba ka bongwe ka bongwe go balelwa dikgosi le ba komiti ya ditlhabololo.

A re letsholo la go simolodisa semmuso letsatsi la go bapatsa bagwebi ba kgaolo potlana ya Mahalapye, le tla tshwarelwa mo motsing wa Mahalapye kgwedi ya Phatwe e robabongwe, mme a re o kopa bagwebi ba ba botlana go isa disupiwa le ditiro tse ba di dirang kwa letsatsing leo e bile a kopa batho ba ba nang le ditso tsa motse wa Mahalapye

go nna le seabe mo tirong eo.

Rre Gabothusi o rile dingwe tse di tla dirwang ele go baakanyetsa boipuso jwa ngwaga wa 2016 ele dikgaisano tsa metshameko ya kgwele ya dinao,mmino wa setso,kapari ya Setswana le dikgaisano tsa Mma-bontle le Rabontle tse di tla tsenelelwang ke Batswana ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 tse makgaola kgang a tsone a tla tshwarwang ka 2016 fa lefatshe leno le tla bo le ipelela dingwag tse di masome a matlhano le ntse le tsere puso mo mmusong wa bokolone fa Batswana bone ba tla bo ba konetelela toro ya vision 2016 ya tshaba e kutlwelo-botlhoko, tshaba e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe e bile ele tshaba e rutegileng.

E rile molaodi wa kgaolo ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole a tswa la gagwe, a tlhalosa fa tiro eo e ka atlega fa ofisi ya gagwe,badiri ba lekgotla la tsamaiso makgotla a Setswana,badiri ba lekgotlana la kabo ditsha le botsamaise jwa klhansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye ba ka ititaya sehuba mo go eteleleng pele dithulaganyo tsa meletlo eo.

Rre Masole o kopile botlhe ba ba amegang gammogo le setshaba go tsenya lotsogo mo tirong eo ka jaana e ama Motswana mongwe le mongwe go balelwa le banana gammogo le bagodi ba eleng bone ba dirileng lefatshe leno se le leng sone mo dingwageng tsa gompieno. A re boipuso jwa ngwaga wa 2016 bo ka atlega fela fa klomiti e baakanyetsang boipuso jwa monongwaga le jwa ngwaga o tlang e ka e ka bereka bosigo le motshegare gore sengwe le sengwe se tsamaya ka tlhelelo.

Kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi o kopile botlhe ba ba kileng badirela mo pusong e bile bana le bokgoni go thusa komiti eo ka dikgakololo. Mabapi le go tlhoka go atlega ga meletlo ya boipuso jwa dingwaga tse di fetileng Kgosi Segotsi o boletse fa mathata ao a bakwa ke gore batho ba neelwa madi a go direla boipuso kwa dikgotlaneng tsa bone fa bana ba dikole le bone ba tshwarela meletlo eo kwa dikoleng tsa bone mo go dirang gore setshaba se se ka sa kgona go amopgela molaetsa wa ga tautona jaaka go tshwanetse.

A re mo dingwageng tse di fetileng bana ba dikole bane ba phaphasetsa difolaga tsa lefatshe leno mo mebileng go supa fa letsatsi la boipusio ele le le faphegileng ka ele lone le ba tshwanetseng go ipelafatsha ka lone. Kgosi Segotsi o tlhaloitse fa asa itumedisiwe ke Batswana bangwe ba eyareng ka letsatsi la boipuso ba bo ba keteka manyalo le ditsala tsa bone, mmer a bolela fa ditiro tsa go nna jalo di tshwanelwa ke go emisiwa go tlotla letsatsi le lefatshe leno le tsetsweng ka lone. ENDS

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya ipaakanyo

Date : 04 Jun 2014