Breaking News

Ba le bane ba abetswe dijo le dikobo

04 Jun 2014

Bana ba le babedi le bomme ba le babedi ba Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong Bokone ba  abetswe dikobo, dijo le melora ke ba mokgatlho wa bomme wa Marea wa kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng a kgaolo ya Borwa.

Bomme bao eleng Oabona Onkabetse, Lesego Tshegofatso, Kgosiyarona Ditlhako le Keoletile Olesitse ba ne gape  ba fiwa P100 .00 fa godimo mongwe le mongwe go ithekela seshabo.

E rile a bua mo boemong ja bakaulengwe  go tswa Serowe, Palapye, Mahalapye, Selebi-Phikwe le Bobonong, modulasetilo wa bomme ba mokgatlho oo wa kgaolo ya Borwa ya Deanery ya Roma, Mme Tikologo Kenosi a re ele bomme ba tshwenngwa thata ke matshelo a batho ba ba sa ikgoneng, a re seo se gateletse bomme segolo bogolo.

O tlhalositse fa maikaelelo magolo a bomme ba Roma ele go thusa batho go gola mo tumelong ka ke  yone e e ka ba tshegetsang mo dinakong tse dithata tsa diemo tse ba iphitlhelang  ba le mo go tsone.

O tlhalositse gore nako tsotlhe kwa ba kopanelang teng, ba kopa batho ba motse o ba yang go kopanela teng go ba batlela  ba ba tlhokang dithuso .A re ba dira jaana go tshwaraganela kgetsi ya tsie le puso gore le bone ele bomme ba thapelo ba supe fa ba utlwisisa e bile ba tlhaloganya sentle matshego a setshaba a vision 2016.

Fa a otlelela mafoko a modulasetilo, Mme Marea Kanokang o boletse fa  lerato le se mabela, le se maikgantsho e bile le sa ikgogomose, mme e bile  ba sa tshwanela go boifa gonne Jesu o teng mo matshelong a bone ka malatsi otlhe.

Sister Lucy  ene o supile fa se, ele  thomo ya Modimo gore bomme ba bo ba na le matsogo a a abang  e bile ba tlhaloganya pitso le thomo ya Modimo ya gore ba  apese ba bo ba fe batlhoki dijo gammogo le go nosa ba ba nyorilweng .

Moruti wa kereke eo go tswa Palapye Rara Gabriel Tanki Batere  a re go aba go supa bokeresete mme a tlhalosa fa bokeresete bo bonwa ka ditiro tse dintle. O rile  lefatshe leno le tlhoka dithapelo ka le dikaganyeditswe ke mafatshe a a sa iketlang a a tletseng dikgoberego.

Fa a a fa malebo, leloko la lekgotla la komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lecheng  Rre Babopeng Ookeditse  a re ba lebogela dimpho tseo ka di tlisa pharologanyo mo matshelong a ba ba di amogetseng mme a kopa bakereke ya Roma go tswelela ka mowa o montle oo wa bopelotlhomogi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo-dimpho

Date : 04 Jun 2014