Banni ba Masunga ba atla diphetogo
04 Jun 2014
Banni ba Masunga ba lebogetse fa puso e ikaelela go godisa sekolo sa Botswana College of Agriculture (BCA) go nna unibesithi ya tsa temo-thuo e e ikemetseng ka nosi.
Ba iteetse kobo moroko kgang eo ba sena go lekodisiwa tebang le phetogo eo ke lekoko go tswa kwa BCA mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa Masunga ka Labobedi.
B re seo se tla a thusa gore go aloge baithuti ba popota e bile ba le palo e e fa godingwana go kgona go tsibogela dikgang tsa temo-thuo botoka.
Ba tlhalositse fa mo bogompienong, tlhagogo ya malwetsi a leruo le go sa ntsha dijalo tse di nametsang ga balemi, go bakwa ke go bo bodiredi bo le bobotlana e bile bo sena boitseanape jo bo kalokalo.
E re ka jaana maikaelelo a lekoko leo e ne e le go lekodisa setshaba le go tsaya megopolo e e ka thusang go godisa sekolo seo go gatela pele, gammogo le go utlwa maikutlo a banni tebang le leina le ba ka tswang ba le akanyetsa go ka tewa sekolo seo, banni bangwe ba ne ba kopa go fiwa nako ya go sala ba kopana go sekaseka leina.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba tlhalosa fa leina le le akantsweng ke ba BCA, le ba neng ba le bewa pele ke lekoko leo la Botswana University of Agriculture and Natural Resources, le siametse go ka dirisiwa.
Fa a tswa la gagwe, kgosi ya Masunga, Kgosi Thabo Maruje III, o ne a supa botlhokwa jwa gore bao ba ba filweng dithata tsa go tsamaisa thulaganyo eo, ba e dire ka matsetseleko e se re mo isagong go fitlhelwe go na le dingwe tse di sa dirwang sentle.
Kgosi Maruje III o ne a boa a supa fa dingwe tse di ka godisang mmadikolo yo, e le go dira motlobo wa didirisiwa tsa temo-thuo tse di neng di dirisiwa mo malobeng, gore batho ba nne ba etela koo go ithuta le go bona kwa go duwang teng le go lemoga diphetogo tse di nnileng teng.
O tsweletse a gatelela ntlha ya gore go akarediwe le go rutiwa batho ka tiriso ya lefatshe gore ba kgone go dirisa bonnyennyane jwa lefatshe le le leng teng go ntsha dijo tse di lekaneng.
E ne e rile a lekodisa banni ka phetogo eo, moeteledipele wa lekoko leo Professor Cecil Patrick a itsese banni fa puso e tsere tshwetso ya go dira phetogo eo, e le go leka go tokafatsa seemo sa temo-thuo mo lefatsheng leno.
Professor Patrick a re e re ka jaana temo-thuo e le mokokotlo wa botshelo jwa motho, ka moo seo se tlhokana le sekolo se se nonofileng sa dithuto tsa temo-thuo.
O ne a tlatsa ka gore ka yone phetogo eo ya go nna mmadikolo wa tsa temo-thuo, go tla nna le maphata a le matlhano a dithuto tse di farologaneng tse di itebagantseng le tsa temo-thuo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Jun 2014