Breaking News

Ba nyeletso lehuma ba alosa ba ba thusitsweng

04 Jun 2014

E rile ka mafelo a beke ba nyeletso lehuma ba alosa dialogane dika tshwara masome a mararo le bobedi gotswa mo metseng e e farologaneng ya kgaolo ya Letlhakeng.

Go ya ka Mme Moletlo Ntesang wa lephata la boipelego, ba ne ba rulaganyetsa kgaolo dithuto tsa go roka, tse di tsereng lebaka la dibeke tse tharo, maikaelelo e le go tlhatlhelela batsena dithuto ka matsipa ago roka le go ba ruta katsa kgwebo.

Mme Ntesang a re bangwe ba ne ba boelela dithuto fa ba bangwe ba ne ba ithuta lantlha. A re seo se bakilwe ke gore ba bangwe ba tshwara ka bonya mme o tlhalositse gore bontsi ba ba tsenelela dithuto ba setse ba filwe didirisiwa tsa go roka.

Mme Ntesang o boletse fa ba kgonne tsotlhe tse ba neng ba di rulaganyeditse dithuto e bile baithuti ba kgonne go roka dilo di le mmalwa jaaka dikete, dihempe, dibaki, letse dingwe mo dibekeng tse tharo.

E rile a ema dialogane ka lefoko, mongwe wa dibui kwa kalosong eo, mokhanselara Tshepiso Lesupe, yo eleng modulasetilo wa tsa botsogo, thuto, le tsa matshelo a selegae mo Khanseleng potlana ya Letlhakeng, a ba gwetlha gore ba tshware ka thata go tlhabolola matshelo a bone ka dithuto le didirisiwa tse ba di filweng.
A re ba nne le botsalano jwa go ya go ile le morutuntshi wa bone mme e bile gape ba itlwaetse go nna ba botsa fa go tlhokafala.

Ere dikgang di eme jalo, Rre Lesupi o ngongoregetse go tlhoka go akarediwa ga motse wa Moshaweng mo lenaneong, a re seo se tla dira gore ba salela kwa morago ruri.

E rile a ntsha la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng, Mme Ekannamang Ramasimong, a ba kgothatsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo mme ba leke thata go dira dikgwebo tse di ka tlhamang mebereko.

Sealogane sengwe, Rre Ofentse Bobe, wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, a re o itumeletse katlego ya gagwe mo dithutong, e a e supileng ka setlankana se a se abetsweng sa dithuto tsa go roka.

A re se ba se rutilweng se mosola thata, a tlatsa ka gore yo o tla sekeng a nyeletse lehuma gotsweng foo e tlaabo ele ka botshwakga fela. A re o lebogetse gore le ene o nnile lesego ka go akarediwa mo lenaneong leo. O gakolotse ba ba sa akarediwang mo dithutong tseo go lesa go nyatsa, a tlatsa ka gore ba nne ba tsena mo diofising ba botsa.

Rre Bobe a re ka ene a ise a fiwe didirisiwa, fa di tla o ya go dira go tlala diatla. Rre Kennedy Raseaatla, mothathelela dithuto go roka le kapari gotswa kwa Tshwaragano Brigade, yo e neng ele ene motlhatlhelela dithuto tsa go roka tsa nyeletso lehuma mo bekeng tse tharo, o ne a gwetlha botlhe go somarela se ba nang le sone.

A re sekgethe sa letsela lengwe le lengwe le ka dirisiwa go tsenya madi mo kgwebong. O ba rotloeditse go dirisanya le go thusana ka megopolo gore ba tle ba gole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tholego Nthaga

Location : Letlhakeng

Event : Thuto puisanyo

Date : 04 Jun 2014