Breaking News

Lekgotla la kabo ditsha le kanoka baikopedi

04 Jun 2014

Batho botlhe ba ba ikopetseng ditsha tsa bonno kwa Ramotswa le metse e e mabapi mme ba na le ditsha golo gongwe, ga batle go abelwa ditsha ke lekgotla la kabo ditsha la ga Malete.

Se, se  tlhalositswe mo phuthegong ya kgotla ya lekgotla leo le banni ba Ramotswa bosheng. Lekgotla leo, le tsere tshwetso e morago ga gore  le amogele dikopo tsa ikopelo ditsha di ka tshwara 23 000 ngwaga o o fetileng ntswa le ne le bapaditse ditsha di le 385 fela.

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la ga Malete,  Rre Roy Letsatsi a re batho botlhe ba ba kileng ba nna le ditsha tsa bonno mme ba di fetisa ga batle go fiwa gape. A re ba dirile ditshekatsheko go anama  lefatshe leno go bona gore mo baikopeding  botlhe, ke  ba le kae ba ba senang ditsha tsa bonno mme ba fitlhetse ba le 4 000 ele bone fela ba ba senang ditsha gotlhelele.

A re  botlhe ba ba sa tlatsang dipampiri tsa boikopedi jwa ditsha sentle, ba tla nama ba seegetswe fa thoko go leka go fokotsa palo e e santseng ele kwa godimo fela thata mo ditsheng tsa palo e ba e bapaditseng.

Mokwaledi mogolo wa lekgotla la ga  Malete,  Mme Ikgopoleng Shabane  a re ba dumalane gore ditsha tse ba di kgaoganye ka ditlhopha di le nne,  eleng  setlhopha sa bagolo, sa ba-na-le bogole, banana gammogo le ba bangwe ba ba sa weleng gope mo ditlhopheng tse.

O kopile  morafe wa Balete go ba thusa ka megopolo ya gore ba ka kgaoganya ditsha tseo ka mokgwa o o ntseng jang. O tlhalositse gape fa ba santse ba buisana le ba ofisi ya Register Of Deeds mme ba tla a boa gape mo nakong e sa fediseng pelo  ba bitsa baikopedi go tla go arabela ditsha.

Mme Shabane o tsweletse ka go gakolola setshaba go kwadisa ditsha tsotlhe tse di beilweng ka jaana go ka ba thusa go itse gore banni ba di filwe leng , ke mang le gore tiriso ya tsone ke eng. A re kwadiso e gape e tla ba thusa ka jaana ditlankana tse ba tla di fiwang di tla di na le boleng  fela jaaka ditsha tsa toropo.

O tlhalositse fa botlhe ba ba nyetsweng ka tseo ya segologolo ba tshwanetse go ya go kopa ba bogosi go rurifatsa fa ba ne ba nyalane ka jaana bogologolo go ne go sena ditlankana tsa lenyalo pele ba tla go kwadisa ditsha tsa bone.

A re se, se dirwa ke go bo ba fitlhela go na le gore mo gongwe  mongwe wa banyalani a bo a tlhokafetse mme setsha se ne se kwadilwe ka leina la  ene yo o tlhokafetseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesego Lelokwane

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Jun 2014