Breaking News

Monko o tlhorontsha balemi

04 Jun 2014

Banni ba Letsholathebe ba buile ba sa kgale mathe ka monko o o tswang mo lefelong la matlakala le le fa gare ga motse wa bone le wa Masunga.

Ba tlhalositse fa lefelo le, le le mo tseleng ya Masunga/Letsholathebe, le le borai mo matshelong a bone. Banni ba re ga ba kgone le go nna mo masimo go tlhokomela dijwalo le leruo la bone sentle ka ba tshaba monko oo.

Mo potsolosong bosheng, ba tlhalositse fa ba palelwa le ke go ntsha maduo mo masimo ka lefelo le, le ba okela dinonyane tse di felelang di ja mabele a bone. Mongwe molemi-morui, Mme Joyce Siwela o tlhalositse fa a sa itumelele fa lefelo le le beilweng teng ka le bapile thata le metse ga mmogo le masimo a bone.

O kaile gape fa lefelo leo, le se mo seemong se se itumedisang ka matlakala a teng a tlogelwa a gasagasame le lefelo leo mme seo se nne borai mo leruong la bone. Mme Siwela a re go ka bo go le molemo fa ba ba lebaneng le tlhokomelo ya lefatshe ba ka bo ba ikopetse lefelo le le kgakajana ka le le beile botsogo jwa bone mo diphatseng.

Fa a tswa la gagwe Mme Banungi Ngalapi, o boletse fa a tshaba le go dirisa tsela eo e e ba golaganyang le motse wa Masunga, ka monko oo o ela le tsela segolo jang mo nakong tsa maitseboa. Molemi yo mongwe, ebong Rre Kabelo Machangane ene o ne a tlhalosa fa matlakala a, a ngoka dintsa tse di felelang di ba jela leruo. 

O tlhalositse fa a nna ka letshogo ka leruo la gagwe le nna le le esi kwa morakeng ka ene a tshabile monko o o kgaolang nko oo, o apesitseng moraka wa gagwe. E rile a tswa la gagwe , mogolwane wa tsa botsogo jwa tikologo, Rre Mopati Tapiso o tlhalositse fa lefelo le le na le dingwaga di le lesome le ntse le le teng,  mme le tshwanelwa ke go nna dingwaga tse di masome a mabedi.

O boletse gape fa a sena kitso ka seemo se se aparetseng banni ba motse wa Letsholathebe, mme a tlhalosa fa a tla leka go tsibogela matshwenyego a bone. Rre Tapiso o tlhalositse fa lefelo le, le dirisiwa ke metse yotlhe e e mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ntleng ga wa Ditladi, Tati Siding le Shashe Bridge.

O boletse fa gape ba dirile ditshekatsheko mo mafelong otlhe a a mo kgaolong e, mme lefelo leo le supile fa go elela ga metsi go le kwa tlase, ke ka moo ba le tlhopileng gareng ga a mangwe.  Rre Tapiso o supile fa ba ne ba ikgolagantse le bogogi jotlhe jwa metse e e amegang, mme go ne go sena makgwere ape.

O tlhalositse fa ditlhotlhomiso tsa bone di kaile fa lefelo le, le ne le sa amane ka gope le matshelo a batho kgotsa le ka tsenya matshelo a batho mo diphatseng ka gope, ntle le one mathata a a supilweng ke banni ba motse wa Letsholathebe bosheng.

O supile gape fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e itemogetse tlhaelo e ntsi ya lefatshe, mme ka jalo lefelo le e ne e le lone le le kgethegileng go ka tlhomiwa jaaka go ne go supega mo ditshekatshekong tsa bone. O tlhalositse fa ba leka ka bojotlhe go tila monko o, ka ba kgaoganya matlakala, ba bo ba a sila go fokotsa borai jwa one mo matshelong a batho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Osekekng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 04 Jun 2014