UDC e rola ntlhopheng wa Molepolole Borwa
03 Jun 2014
Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole a re, banana ke bone ba ka tsisang diphetogo mo matshelong a bone.
O buile seo kwa tholong semmuso ya ntlhopheng wa Umbrella for Democratic Change (UDC) wa bopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli e e neng e tshwaretswe kwa mabaleng a sekolo se sebotlana sa Neale ka Matlhatso.
Rre Mangole a re banana ba rwele boikarabelo jwa go tsisa diphetogo tse ba di eletsang mo matshelong a bone ka go dirisa tlhopho. A UDC e na le matshego a le matlhano, gare ga one go akaretsa letshego le ka lone ba tla bong ba itebagantse le thuto.
O tlhalositse fa seemo sa thuto se wetse tlase fela thata, a tlatsa ka gore go na le banana bangwe ba thuto e ba kgapetseng kwa ntle. A re ele ba UDC ba batla thuto e e tla lemogang ngwana mongwe le mongwe go sena ope yo go tweng o tlhaela thuto ka bana ba na le ditalente tse di farologaneng.
O tsweletse a re ba tla aga itsholelo e e akaretsang mongwe le mongwe, a tlatsa ka gore lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a a humileng thata mme Batswana bone ba humanegile e bile ba tsweletse ka go humanegela pele.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa UDC, Rre Gomolemo Motswaledi o rurifaditse se se builweng ke Rre Mangole ka go kaya fa ba batla gore ngwana mongwe le mongwe a nne le dibuka tse a di tlhokang a bo a rutelwe mo ntlwaneng e e lebegang.
Rre Motswaledi a re ba tla tokafatsa seemo sa thuto ka go oketsa matlwana a borutelo le go fokotsa mosuke ka mo nakong eno go na le kgonagalo ya gore morutabana a itebaganye le bana ba feta masome a mane, a re selo se, se isa boleng jwa thuto kwa tlase ka morutabana a ka se kgone go itebaganya le ngwana mongwe le mongwe.
A re go oketsa matlwana a borutelo go ka bula diphatlha tsa mmereko ka ba tla tshwanelwa ke go thapa barutabana. Rre Motswaledi a re ba itlamile go fedisa tshenyetso setshaba, a tlatsa ka gore ba tsile go tsisa ditlamelo di akaretsa tsa botsogo le go bula mebaraka gongwe le gongwe mo Botswana go dira dijo le go tlhama mebereko.
Fa a tswa la gagwe, ntlhopheng wa bopalamente Dr Mmatli o tlhalositse fa a amogela thomo ya go ya palamenteng, a tlhalosa fa ba na le dikgang tse dintsi tse ba tshwanetseng go itebaganya le tsone.
A re mo nakong e e fetileng ba ntse ba tsena ntlo le ntlwana ba bolelela Batswana ka mananeo a ba nang le one mme ba nna le sebaka sa go utlwa mathata a a amang Batswana. O tsweletse a re o na le tumelo ya gore mathata a ba nang le one a ka rarabololwa motlhofo ke UDC.
Dr Mmatli a re o itumedisiwa ke dipalo tse di nametsang tsa banana ba ba ikwadiseditseng ditlhopho a bo a ba gwetlha go dirisa tlhopho ya bone go tsenya phathi ya UDC mo pusong.
A re mathata a banana ba Molepolole a go tswela kwa ntle ga motse go ya go batla ditiro ntswa motse wa bone o le motona o ka bo o na le madirelo ka go farologana, ke selo se se tshwenyang fela thata, jalo fa ba tsaya puso, mathata ao a tla tla bokhutlong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amogelang Molatlhegi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 03 Jun 2014