Ba gakololwa go tsaya matshosetsi a polao ka tlhwaafalo
03 Jun 2014
Mogolwane wa sepodisi kwa Molepolole, Sub Inspector Theresa Ntusa o gakolotse banni ba Molepolole go tsaya molato wa matshosetsi a polao ka tlhwaafalo.
O gakolotse jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mothusa tona wa tsa ofisi ya merero ya ga tautona e bile ele mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri bosheng.
A re molato o, o diragala thata magareng ga baratani le banyalani mme gantsi matshosetsi a polao a tlhagoga fa rre kgotsa mme a belaela kgotsa a lemoga fa mokapelo a na le bakapelo ba bangwe.
Sub-Inspector Ntusa a re bontsi jwa dikgang tsa mofuta o, di ba ketefalela thata ka gantsi go abo go sena bosupi jo bo lekaneng ka go bo baratani ba ne ba le mo bonosing jwa bone mme ba sa tlogela bosupi jwa se se diragetseng ka botlalo.
A re ntswa go ntse jaana, ofisi ya gagwe e leka ka bojotlhe go tsaya boikuelo ka tlhoafalo lefa go sena bosupi. O supile fa e rile ngwaga o o fetileng nako e, ba bo ba gatisitse kgetsi ele nngwe mme mo nakong eno go gatisitswe di le nne fa e sale ngwaga e simolola, se ele koketsego.
O tlhalositse fa molato o, o le motona thata e bile modiri wa one a ka atlholwa dingwaga di le lesome kgotsa botshelo jotlhe mo kgolegelong . O kopile gore ope fela yo o nang le mathata a ikopanye le ba tshidilo maikutlo kgotsa bommaboipelego go kopa thuso.
Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa mesepele le tsa boagedi, Mme Mmapula Molaodi o gakolotse banni ka diphetogo tsa ditlhwatlhwa tsa bukana ya mosepele tse di ileng kwa tlase mo baneng ba ba kgwedi go ya kwa go ba ba dingwaga di lesome le borataro.
A re go tla duelwa lekgolo e seng makgolo a mabedi jaaka gone go tlwaelesegile. O tlhalositse fa tse di tla batlegang ka bofefo di tla dirwa ka makgolo a mabedi le masome a mararo mme tse di tsayang letsatsi go dirwa, tlhwatlhwa ya tsone ele makgolo a mabedi le masome a marataro.
A re o tshwenngwa ke banni ba Molepolole ba ba sa tseyeng dipasa tsa bone ka nako mo e bile di felelang di busediwa Gaborone. O kopile banni ba Molepolole go emise go hirisetsa batswakwa matlo ba sena dipasa ka go babalela puso ka go nna ba busediwa kwa tsa mafatsheng a bone gangwe le gape.
E rile banni ba Ratshosa ba tsibogela dikgang tse, ba supa fa le bone ba itemogetse gore matshosetsi a polao a ile magoletsa mme ba kopa ba sepodisi go nna ba ela tlhoko ka jaana mangwe matshosetsi a dirwa ka molomo e bile go sena basupi.
Mo mafokong a tebogo, mokhanselara wa kgaolo Rre Bashi Kgakge o kopile gore mapodisi fa ba tlhotlhomisa dikgang tsa matshosetsi a polao, ba lebelele go tseneletse ka jaana motho a kgona go ganela segolo jang fa go sena basupi.
A re mapodisi ba tseye borre tsia fa ba ile go ikuela ka kgokgontsho kgotsa one matshosetsi a polao fa a dirilwe ke mosadi ka jaana go na le tumelo ya gore rre a ka seke a kgokgontshiwe ke mosadi mme fa se se diragala, batho ba ja rre setshego.
O supile fa dikgang tsa borre di tshwanetse go tsibogela fela jaaka tsa bomme ka jaana re tshela mo malatsing a a sa tshwaneng le a bogologolo mo basadi ba neng ba le ka fa tlase ga ga rre. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : George Ntshane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Jun 2014