Breaking News

Ngwao e ka oka bajanala

03 Jun 2014

Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhopi Leo o boletse fa go ipelela ngwao go ka oka bajanala.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela ngwao kwa Jwaneng bosheng, Rre Leo o tlhalositse fa moletlo wa ipelelo ngwao o ka dirwa ka manontlhotlho ngwaga le ngwaga, o ka gola, wa tuma mme wa oka bajanala go tswa mo lefatsheng leno lotlhe le kwa mafatsheng a sele tota.

O  tlhalositse gape gore ipelelo ngwao ke nngwe tsela ya go ipaakanyetsa nako e tla a bo diteemane di fedile mo toropong eo. A supa fa go dira jalo, toropo e tla a sala e kgona go oka bajanala fela jaaka mo bogompienong e ba oka ka diteemane tse di fitlhelwang mo go yone.

Rre Leo o tlhalositse fa ngwao e tshwanetswe ya tshegediwa eseng fela go oka bajanala  mme le go aga toropo e e aparetsweng ke mathata a tshwana le tatlhego ya ngwao mo bananeng, botlhoka tsebe, go kgaogana ga banyalani le gone go nna mmogo ga batho ba sa nyalana.

O akgoletse banni ba toropo go bo ba kgonne go ipelela letsatsi la ngwao, a bolela fa e se selo se se motlhofo ka jaana go agile merafe e e farologaneng mo toropong eo.

O buile fa ipelelo ngwao e le sekao sa go tsibogela letshego la tebelopele la ‘tshaba e e bopaganeng e bile e ipela.Rre Leo o kgothaditse banni go tswelela ba ipela ka dingwao tsa bone tse di farologaneng  ka go tla a kaela e bile ga ruta dikokomane ka ngwao ya Setswana.

O tsweletse a rotloetsa merafe e e mo toropong eo go gakololana ka ngwao ya Setswana, go e tsosolosa le go tlhomamisa gore e a somarelwa.

Kgosi Segale Letshele le ene o  kgothaditse merafe e e fitlhelwang mo toropong eo go ruta bana ngwao , a bo a tlhalosa fa kgotla ya Raphalane e buletswe mongwe le mongwe go tla go ithuta ka ngwao ya Setswana le go bona didirisiwa tsa Setswana tse di teng  mo kgotleng.

Letsatsi le la ipelelo ngwao, le ne le tshwerwe ka setlhogo se se reng ‘ngwao sekgantshwane same.’ Maikaelelo a lone e ene e le go tsosolosa ngwao le go ruta banana ka ngwao ya Setswana.

Tsholofelo ke gore moletlo o o ipelelwe ngwaga le ngwaga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segolame Lemme

Location : JWANENG

Event : Moletlo wa go ipelela ngwao

Date : 03 Jun 2014