Breaking News

Banana ba kopiwa go supa maikarabelo

03 Jun 2014

Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o gwetlhile banana ba motse wa gagwe go tsaya maikarabelo ka tiriso ya madi go netefatsa gore dithuso tse ba di fiwang ke puso di ba sologela molemo.

Kgosi Segwaba o supile fa a tshwenngwa ke boitshwaro jo bo supiwang ke banana ka jaana ba tsweletse ka go itontela nnotagi ba dirisa madi a ba a tsayang mo ditirong di tshwana le lenaneo la Ipelegeng.

O tlhalositse mo potsolotsong fa seemo seo se utlwisa botlhoko fela thata ka jaana ba sa itirele sepe ka madi mme ba tsweletse ka go tshelela mo lehumeng. Kgosi Segwaba o tlhaositse fa puso e itlamile go thusa Batswana bogolo jang ba ba kgakala le ditlamelo mme fela go ngomola pelo go bona bangwe ba iketile ba sa itirele sepe ka dithuso tseo.

O gwetlhile banana ba motse wa gagwe go bula matlho go tlhaloganya fa botshelo bo se bonolo mme ba tshwanetse go tshwaragana le puso go netefatsa gore ditoro tsa puso tsa go nyeletsa lehuma mo metseng e e kgakala le ditlamelo di a atlega, a kaya fa kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

A re banana ba tshwanetse go tlhaloganya fa maikarabelo a botshelo le bokamoso jwa bone a le mo diatleng tsa bone mme a ba kopa go tsaya ditshwetso tse di maleba gore ka moso ba seka ba ikotlhaya.

O supile gape fa banana ba motse oo ba ikaegile fela ka lenaneo la Ipelegeng ntswa go na le mananeo a le mmalwa a tshwana le Youth Development Fund go ka ipulela dikgwebo le gone go tlhamela bangwe ka bone mebereko.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Segwaba o kaile fa mananeo a nyeletso lehuma a tsamaya ka thelelo kwa motseng wa gagwe mme gape a supa fa lenaneo la nyeletso lehuma la dipodi e le lone le dirang sentle fela thata ka jaana banni bao ba rata thuo mme ba tlhokomela loruo la bone sentle fela thata.

A re lenaneo la banana la tirelo setshaba le lone le thusitse fela thata ka jaana banana ba ithuta go le gontsi mme o gwetlhile banana go tsaya mananeo a puso tsia gore a ba solegele molemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 03 Jun 2014