Monana wa Tsabong o a iphataphatela
03 Jun 2014
Monana mongwe kwa Tsabong o itshetsa ka go loga moriri.
Mme Marea Bok a re o sale a simolola go loga a le dingwaga di le lesome le bobedi a rutiwa ke motsadi wa gagwe. Ka Motswana a re, ea re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting, e ne ya re go hulara ga motsadi a tsweledisa tiro e e eleng yone e mo tshetsang mo nakong eno.
Monana yo, a re ga ea ka yare a fetsa mophato wa botlhano a inaakanya le nnotagi jaaka bangwe ba dira, mme o ne a tsweledisa talente ya gagwe. Mme Marea a re o lebogela ba masika le ditsala ka ba ile ba mo ema nokeng go bona gore toro ya gagwe ea atlega.
A re o simolotse kgwebo e, a logela mo lwapeng ka a ne a sa bone kwa a ka direlang teng ka jalo a kgobokanya madi go reka didirisiwa go fitlhelela a bona lefelo. “Ke simolotse ka mmereki ale mongwe gompieno ba bararo, maikaelelo ame ke go ba oketsa fa ke ka bona lefelo le legolwane go thusa banana ba bangwe ka go na le letlhoko la ditiro” go tlhalosa Mme Bok.
O boletse fa go bona lefelo le a ka direlang mo go lone go se motlhofo gape ditlhwatlhwa tsa mafelo mangwe di le kwa godimo le ntswa lefelo le le lennye.
Mme Bok a re mo nakong eno ba lekgotla la kabo ditsha la kgaolo ya Kgalagadi ba emisitse go baya ditsha mo eleng nngwe ya dikgwetlho tse a nang le tsone mo godimo ga moo, khansele e gana a logela gongwe le gongwe.
A re o na gape le mathata a metsi ka ale letswai, se se baka dithutafatsa metsi le mixer tap go nna di thubega di batla go baakanngwa kgapetsa kgapetsa. A re se sengwe ke gore ba reka didirisiwa kgakala. O tsweletse ka gore ntle le dikgwetlho tse a kopanang le tsone, kgwebo e na le dipoelo tse di nametsang.
A re o ikaelela go ya go kopa thuso ya lenaneo la banana gore ba mo rekele mobile salon ka yone e kgona go nna gongwe le gongwe le gore e tla a mo fokoletsa ditshenyegelo tsa go duela lefelo.
Mme Bok o tlhalosa gore, “kgwebo ya moriri e bogadi bo gaufi ka yone o kgona go e simolola mo lwapeng” A re o rotloetsa banana gore ba se nne fela ba lebeletse mo pusong ,a tlhalosa gore ba dirise diatla tsa bone ka Modimo a rile mongwe le mongwe o tla tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.
O supile fa bonatla,botswerere, bopelotelele le botho e le tsone di okang balogi ntle le ditlhwatlhwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshwanelo Feledi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 03 Jun 2014