Go ntsifala ga dikereke go a tshwenya
03 Jun 2014
Mogolwane wa kereke ya Assemblies of God, Bishop Raphael Habibo, a re go utlwisa botlhoko thata gore dikereke di bo di santse di na le mokgwa wa go sa kopana ntswa ditsamaiso tsa tsone di tshwana.
Bishop Habibo o buile seo kwa moletlong o kereke ya Assemblies of God kwa Maun e neng e ipelela dingwaga tse di masome a mane e ntse e le teng. A re mokgwa wa gore e re motse o le monnye gongwe o na le batho ba ka tshwara dikete tse pedi, o bo o na le dikereke tsa pentacost di feta bobedi, ga o a siama.
O tsweletse a re o ipotsa gore ke eng dikereke tseo di sa kgone go kopana ka jaana tsamaiso ya tsone e le nngwe fela e bile ba dumela fa ba setse keresete morago. A re fa ele gore dikereke di itse gore kereke ke ntlo ya ga keresete, ba tshwanetse go kopana ka jaana ba tla a bo ba bua teme e le nngwe fela ya Modimo go na le go nna o kare ba a phadisanya.
O kopile baruti gore ba nne le maatla fa ba bua lefoko la Modimo ba bo ba dirise dithata tse ba di filweng go kopela kgaolo ya Nhabe poloko, a re go dira jalo ba ka tlisa pharologanyo mo bathong ba kgaolo eo.
Bishop Habibo o ba kgothaditse go nna le boineelo ka tsotlhe tse ba nang le tsone, a re ka go dira jalo le Modimo o tla a ba okeletsa. O tsweletse a re go ipela go na le mokgwa o montle wa go gakologelwa tse di kwa morago, a baya sekai ka nako ya fa ba simolola kereke ka ngwaga wa 1974 gore gone go le bokete fela thata.
Fa a ntsha la gagwe, moruti Nonofo Mataboge a re kgaolo ya Nhabe e tshwanetse ya gololwa ka jaana bana ba teng ba sa tseye thuto ka tlhoafalo, a tlatsa ka gore go tshwanetse ga bo go setse go na le barutegi ba ba tswang kwa kgaolong eo.
O tlhalositse fa kereke e le botlhokwa thata ka a re fa e ne e seyo, borukutlhi mo kgaolong eo e ka bo ele jo bo sisimosang mmele. Moruti Mataboge a re kereke ya bone e nale thulaganyo ya gore mafelo a kgwedi nngwe le nngwe ba abele bana ba ba tlhokileng lesego dilwana.
O boletse fa ba na le tshimo kwa kgotleng ya Shashe e e tla a reng bosheng ba simolole go e lema le setsha kwa motseng wa Makalamabedi se ba tla a dirang ditlhabololo tsa kereke mo go sone.
O tsweletse a tlhalosa fa e tla a re mo kgweding eno, banana ba kereke eo ba nne le sebaka sa go kgothatsana le ba bangwe mo dikoleng tse dikgolwane ka go nna le Career Fair. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Moletlo
Date : 03 Jun 2014