Go itse seemo sa mogare go botlhokwa
02 Jun 2014
Kgosi David Megano wa motse wa Maralaleng o gwetlhile banni ba motse oo le setshaba ka kakaretso go ya go itlhatlhobela mogare ka seo se ka thusa thata mo go tseyeng dikgato tse di maleba.
Kgosi Megano o buile se kwa kabong dimpho ya komiti ya ditlhabololo tsa motse jaaka ba ne ba abela ba mokgatlho wa bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV kwa kgotleng kgolo ya Maralaleng bosheng.
Kgosi o tlhalositse fa go ya go itlhatlhobela mogare go le botlhokwa ka go tla thusa thata mo go tlhomamiseng gore motho a tseye dikgato tse di maleba.
A re ga go a tshwanela gore batho ba tlhabiwe ke ditlhong mme ba tshwanetse ba nna le boikarabelo ka seo se ka thusa go tshela motho a phuthulogileng.
O tlhalositse fa bomme ba le borobabobedi ba ne ba itshupa fa pele ga gagwe le mo morafeng mme ba mo tlhalosetsa fa ba ne ba tsaya kgato ya go ya go itlhatlhoba, jalo ba ikamogetse ka ba tshela le mogare.
A re ba re maikaelelo a bone ke go ngokela ba bangwe mo mokgatlhong oo.O phophothile legetla ba komiti ya ditlhobololo tsa motse ka tiro e ntle e ba e dirileng ya go abela ba mokgatlho oo dimpho, ka seo gape e le go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 a tshaba e e kutlwelobotlhoko, e rata tshiamo e bile e tlhokomela batho botlhe.
Modulasetilo wa komiti ya motse wa Maralaleng, Rre Bantlhotse Jampe a re ba sale ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko go simolola ka ngwaga wa 2007/ 2008 ,ka ba ne ba lekola batho mo motseng ba akaretsa batlhoki, dikhutsana le ba-na-le bogole.
O kaile fa ba ne ba kgona go agela batlhoki ba le babedi matlo a setswana ka go bona ba na le letlhoko la bonno.
A re ba ne bona go le maleba go agela batlhoki bao matlo ka bonno e le konokono e bile bo fa motho seriti.
O kaile fa maikelelo a bone a ne a atlega ka tshwaragano le kemo nokeng ya ba boipelego, kgosi le boithaopi jwa banni ba motse oo.
Modulasetilo o supile fa e ne ya re ngwaga ono ba thulanya ditlhogo gape mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go abela bomme ba ba tshelang ka mogare sengwe se se ka thusang go tokofatsa matshelo a bone.
O kaile fa ba ne ba ntsha madi go tswa mo dipateng tsa bone e le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, ba ofisi ya makgotla a setswana, le ba ofisi ya botsogo mme ba kokoanya P1600.00 a ba a dirisitseng go abela ba Maralaleng Support Group dithoto tse ba tla di dirisang mo semausung sa bone.
Rre Jampe o kaile fa a le motlotlo ka ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone mo go otlololeng letsogo go thusa ba ba tlhokang.
A re ba leboga ba mokgatlho oo go bo ba buile phatlalatsa ka seemo sa bone a ba a ba kopa go tswelela ba jwala dithuto tseo mo go ba bangwe.
O lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga kabo dimpho eo, a tlatsa ka go leboga morafe wa Maralaleng ka go mo tshepa mme seo se supagala ka go mmuseletsa makgetho a le mmalwa mo komiting.
Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, Rre Ronald Baitsiwe yo eleng molemi morui kwa motseng wa Kisa, o kgadile thata borre go bo ba sa iponatse mo mokgatlhong oo, a kaya fa gantsi ba nna ba salela kwa moarago mo mekgatlhong e le mentsi mo lefatsheng leno.
O galaleditse mokgatlho oo, a kaya fa ba itseetse dikgato tse di maleba tsa go itse seemo le go tsena mo mananeong a puso a botsogo a a ka kgonang go lelefatsa botshelo jwa bone.
Rre Baitsiwe o lebogetse puso go tseela botsogo jwa setshaba kwa godimo ka go tsibogela go tlisa didirisiwa, bodiredi, mananeo le ditirelo tsa maemo a a kwa godimo mo dipateleng, dikokelo le dikokelwana mo lefatsheng leno.
O kaile fa seemo sa botsogo se tokafetse fela thata fa go tshwantshanngwa le mo nakong tse di fetileng.
O rotloeditse Maralaleng Support Group go ema ka dinao go ngokela ba bangwe mo mokgatlhong le gone go dira ka natla, lorato, bopelotelele boineelo le tirisano mmogo, ka seo se ka thusa thata mo go tlhomamiseng gore mokgatlho o a gola.
O gwetlhile metse e mengwe go tsaya malebela mo go bone.
Fa a amogela dimpho tseo motshwara madi wa mokgatlho oo, Mme Ogoamang Soso Dipheko o galaleditse ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka dimpho tseo, a kaya fa e se la ntlha ba supa mowa oo mme seo e le sesupo sa gore ba kgathala ka ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Mme Dipheko o tsweletse a tlhalosa fa ba ne ba simolola mokgatlho oo mo legoeleleng mme morago ba tswa ka mogopolo wa go kokoanya madi a ka one ba neng ba kgona go simolodisa semausu se ba thusitsweng ka ntlo ya kamore tse pedi ke ba VDC, ele tsela nngwe ya go godisa mokgatlho wa bone.
A re mo nakong eno palo ya bone mo mokgatlhong e godile go tswa kwa go boferabobedi go ya kwa go masome a mabedi le boraro.
O supile gape fa ene le bangwe ka ene ba setse ba ikamogetse ka go nna mo pontsheng ka seemo sa bone jalo a gwetlha ba ba sa ntseng ba iphitlhile go ema ka dinao go itseela dikgato tse di maleba ka botsogo e le konokono mo botshelong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MARALALENG
Event : Kabo-dimpho
Date : 02 Jun 2014






