Breaking News

Baithaopi ba sepodisi ba dira ka natla

02 Jun 2014

Kgosi wa motse wa Dzoroga kwa kgaolong potlana ya Tutume Rre Gakeboife Nkalolang o supile fa a itumelela tiro e e dirwang ke baithaopi ba sepodisi kwa motseng oo.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Nkalolang o tlhalositse fa baithaopi ba le batlhano ka palo mme  tiro e ba e dirang ya go lwantsha borukhutlhi mo motseng e bonala gape e na le maduo a a kgatlhisang.

Kgosi Nkalolang a re baithaopi ba lebanwe ke namane e tona ya tiro ya go thusana le mapodisi go netefatsa gore seemo sa bogodu mo motseng ga se tseye phekelo e sele, mme a re le ntswa go ntse jalo, ba dira tiro ka bonatla go sena boitseme bope.

A re ka thuso ya baithaopi ba, dikgang di tshwana le bogodu jwa leruo, go thujwa ga matlo le marekisetso, tshenyo kwa masimong ga mmogo le modumo wa diletso bosigo di a laolesega.

Kgosi Nkalolang a re le fa bosigo go na le tiro ya tshoganyetso, baithaopi ga ba ke ba ipona tsapa go tsoga ba thusa morafe.

A re fa itsholelo ya lefatshe e ka tokafala, puso e seka seke go tlhatlosa dikatso tsa baithaopi ba sepodisi e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko mo tirong e ba e dirang.

Go sale foo, Kgosi Nkalolang o supile gape fa a itumedisiwa ke go bona banni ba motse wa gagwe ba kgatlhegela mananeo a nyeletso lehuma.

A re bontsi bo ikwadiseditse mananeo ka go farologana, a tlatsa ka gore bangwe ba setse ba tseneletse dithuto tsa go tlhokomela mananeo a ba a ikwadiseditseng. Le fa go ntse jalo, kgosi a re go setse go le sebaka batho ba ntse ba letile go fiwa mananeo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse,  Rre Keiphang Sechele a re ga a itumedisiwe ke bangwe banana ba ba tsenelelang lenaneo la Ipelegeng mme ba tloge ba nne boitseme fa ba tshwanetse go bereka.

Rre Sechele a re bangwe banana ba tla ba itshietse bojalwa, ba nne dingalo go bereka le ba bangwe gape ba felele ba sa buise  bagolwane sentle

O supile fa seemo se se tshwenya ka jaana se busetsa ditiro tsa lenaneo kwa morago. O tlhalositse gore tiro ya Ipelegeng fela jaaka nngwe le nngwe e tshwanetse go tlotliwa.

Rre Sechele o akgotse bagolo ba ba tsenelelang lenaneo la Ipelegeng, a re fa ba segetswe tema ba e dira ka botswapelo ba sa salwe morago.

O  supile gape fa Ipelegeng e ba sologela molemo fela thata mme a re ka thuso ya khansele ya Tutume, ba setse ba weditse go aga matlo a le mararo a batlhoki le a le mabedi a batho ba ba neng ba senyegelwa ke matlo ka nako ya pula e e neleng ya baka morwalela ngwaga o simologa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : DZOROGA

Event : Potsolotso

Date : 02 Jun 2014