Go tsena diphuthego go botlhokwa
02 Jun 2014
Kgosi Tshegofatso Setumo wa Lobatse o kopile banni ba toropo eo go tsena diphuthego tsa kgotla gore ba kgone go itse ka mananeo a puso a a ka tokafatsang matshelo a bone.
Kgosi o buile jalo ka mafelo a beke, mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng ele go itsise banni ka tshwetso ya puso ya go godisa Botswana College Of Agriculture (BCA) go nna university ya temo thuo le ditsa-tlholego.
A re kgotla ke sone sesana se mala a ditlhabololo tsa matshelo a batho a gamelwang mo go sone ka jalo, go tlhoka go tsenelela diphuthego ke go ithontsha sebaka sa go itse le go amogela mananeo a puso.
O tsweletse a re ka go tsenelela diphuthego motho o a bo gape a supa lorato mo lefatsheng la ga gabo. Kgosi Setumo o lebogile lekoko go tswa kwa sekoleng seo go bo ba lekodisitse banni ba Lobatse ka diphetogo tse di sha, a tlatsa ka gore go dira jalo ke go supa lorato mo go bone.
A re mme o solofela fa go godisiwa ga sekole seo go tla a thusa gore se kgone go ruta dithuto tse di ka tlhabololang temo thuo, gore mhama oo o nne le seabe se se bonalang mo itsholelong ya lefatshe leno.
E ne e rile a a fa tekodiso moeteledi pele wa lekoko leo, Mme Boingotlo Sebolai a supa fa puso e tsere tshwetso ka e lemoga fa sekole seo jaanong se godile mo e bileng se ka ikemela.
A re fa se ikemetse kanosi se tla a kgona go tokafatsa dithuto tsa sone le go oketsa dipalo tsa baithuti go tswa kwa go 3000 go ya kwa go 5000, selo se a reng se tla a thusa go fokotsa madimadi a puso e a dirisang go ruta bana kwa mafatsheng a sele.
A re ba solofetse fa sekole seo e tla a re ka 2018 e bo ele university e e feletseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Topo Monnakgotla
Location : LOBATSE
Event : Phuthego
Date : 02 Jun 2014