Breaking News

Banni ba galaleditse puso

02 Jun 2014

Banni ba masimo a Pyetle, Matlhakola le Sobe kwa kgaolong potlana ya Moshupa ba galaleditse puso go bo e ba thusitse ka mananeo a akaretsa la Ipelegeng le temo-thuo go tlhabolola matshelo a bone kwa masimong.

Banni ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi , yo o neng gape a ba lekodisa ka melawana e fetisitsweng kwa palamenteng le go tsaya megopolo go e isa kwa palamenteng e e tlang.

Ba lebogetse gore banana ka bontsi ba amogetse dipudi ka lenaneo la LIMID, ba bolela fa di tlhokomelesegile sentle, e bile bangwe ba solofetse go gokelelwa sediba. Ba re ba itumeletse gape go tsenyediwa diterata tse di kgaoganyang masimo le mafudiso.

Le fa banni ba ipela ka mananeo a puso thata jaana, ba boletse fa ba dikile ba lemile ka bontsi mme sebe sa phiri ele gore diphologolo tsa naga tse di sireleditsweng ke puso di ba upuditse.

Ba boletse fa ditholo, ditshwene, diphiri, bophokoje, bonkwe le dinoko di ba apesitse kobo ka letshoba le mororo puso e ne e ba thusitse ka botswapelo.  Ba re lephata la diphologolo ga le ba thuse ka gore ba tshaba go di bolaya ka e le molato.

Le fa go ntse jalo, banni ba Pyetle ba ngongoregile ka tsela ya bone e e dirwang ka Ipelegeng, ba re e maswe fela thata mme seemo se gakaditswe  ke dipula tse di fetileng. Banni ba kopile gore ba thusiwe go katolola letamo la bone ba bo ba fiwe baithaopi ba mapodise go thusa mo borukutlhing.

Banni ba Matlhakolabone ba tlhalositse fa lenaneo la nyeletso lehuma le thusitse bangwe ba bone fela thata. Ba kopile gore ba direlwe matsibogo mo molapong o o gaufi le bone gore ba kgone go tlolela kwa Moshupa, fa bangwe ba kopile gore puso e ntshe lenaneo la go epela batho masimo ka gore batho ba gana go bereka mo masimong.

Bangwe ba supile fa ba amogela molao kakanyetso o o fetisitsweng kwa palamenteng wa tlhakanelo dithoto ba re o siame le fa bangwe ba re banyalani ka fa baebeleng ke selo sele sengwe ka jalo ga ba a tshwanela go kgaogana.

Kwa masimong a Sobe, banni ba amogetse go direlwa terata ya masimo le mahudiso e ntsha, mogotlha, go kgaola ditlhare mo tseleng e e yang Moshupa le go direlwa motshelakgabo.

Bagodi ba lebogetse go okelediwa madi a dikamogelo gammogo le go lemelwa mahala ke puso mme ba ngongorega ka dikgomo tsa matimela tse di sa phuthiweng, ba tlhalosa gore di ka bo di bilediwa beng ba tsone ka gore di na le tshipi le omang jalo go motlhofo go itse beng ba tsone mo sebalamakgolong.

Ba ngongoregile ka lephata la kabo ditsha la Moshupa ba re le diega go abela batho lefatshe la bonno. Ba bolela fa bontsi ba nna le batsadi mme go nne le dikgotlhang. Ba kopile go gokelelwa sediba sengwe se se bapileng le bone.

Le fa go ntse jalo, mopalamente Masisi o galaleditse banni ba masimo ao go bo ba dira ditlhabololo ba tsentse moko dinameng mme a ba rotloetsa go rema masimo a bone gore ba a dirise ka gore batho ba le bantsi ba batla masimo a a sa dirisiweng go a dirisetsa temo.

O boletse fa Botswana e santse e tlhaelelwa ke madi mme a solofetsa gore fa itsholelo e ka tokafala ba tla thusa thata mo go tse di batliwang ke banni.

O tsweletse a tlhalosa gore go santse go na le mathata a tlhaelo ya metsi mo Botswana ka kakaretso mme a supa fa metsi a tla gogiwa kwago tswa bokone jwa lefatshe leno go tla borwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Jun 2014