Banana ba Rakops ba thusa dikhutsana
02 Jun 2014
Banana ba Rakops ba ditlhopha tsa itloso bodutu tsa kgwele ya dinao, bolotloa le volleyball ba akgoletswe go nna le seabe mo go nyeletseng lehuma le go thusa go tsosolosa mowa wa boithaopo le boipelego ka go abela ba ba seng lesego mo botshelong.
Kakgolo e, e dirilwe ke mothusa modulasetilo wa komiti e e tlhokomelang bana ba dikhutsana, Rre Batsweletse Kgagamedi bosheng jaaka banana bao ba ne ba aba P1 100 go thusa go tlamela bana ba dikhutsana.
Rre Kgagamedi a re ga se gantsi banana ba Rakops ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka go abela ba ba tlhokang, mme ka letsema le le thata ka mong go botlhokwa go bona banana ba tsaya boikarabelo jwa go etelela pele ka go tswa ka mananeo a a ka thusang go tlhabolola motse wa bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhopha tsa banana tse di neng tsa kokoanya madi go abela mokgatlho o o tlamelang dikhutsana, Rre Goemeone Maikaelelo a re ba dule ka mogopolo wa go abela setshaba ka ngwaga wa 2013 o ya fifing.
Rre Maikaelelo a re ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone ka bokaedi le thotloetso ya mopalamente, Rre Slumber Tsogwane le mokhanselara, Mme Batoli Manyuni.
A re ba dirile jalo go araba boikuelo jwa ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama jwa gore setshaba le dikompone di thuse go tlamela ba ba tlhokang le gone go thusa gore toro ya setshaba ya tebelopele wa 2016 e fetoge boammaaruri.
Rre Maikaelelo a re banana ba, ba ikaeletse go dira tiro ya mofuta o ngwaga le ngwaga le gone go thusa palo e ntsi ya batho mo motseng wa Rakops.
A re o dumela gore bonyenyane jo ba bo ntshitseng bo tla thusa thata go tlamela dikhutsana.
O tsweletse a kopa boeteledipele jwa motse wa Rakops go rotloetsa maiteko a bone. Rre Maikaelelo a re ba kgonne tiro ya bone ka go tsutlaganya lemmenyana le ba lebogiwang ka lone mo dikgaisanong tsa metshameko tsa dikgaolo tsa botlhophi tse di rotloediwang ke tautona.
A re go dira jaana ke sesupo sa gore ga ba jele mo ganong, a tlatsa ka gore ba bone go le botlhokwa go thusa puso go nyeletsa lehuma.
E rile a leboga tiro, mokhanselara wa Tsienyane Bophirima, Mme Batoli Manyuni a akgolela banana go abela ba ba tlhokang ka ga se ba le bantsi ba ba kgonang go dira jalo, a tlatsa ka gore Modimo o tla ba segofatsa gore ba kgone go tswelela mo botshelong.
Mme Manyuni a re tiro e e dirilweng ke banana ba, ke sesupo sa gore motse wa Rakops o tla nna le baeteledipele ba ba boikanyego mo isagong mme a tlhalosa fa maiteko a banana a ka kgona go tswelela ka thotloetso ya boeteledipele jwa motse.
Raboipelego wa motse wa Rakops, Rre Prince Inambao o supile gore ofisi ya boipelego e tlhaelelwa ke ditlamelo tsa go thusa botlhe ba ba tlhokang ka jalo go botlhokwa go bona banni bangwe ba na le mowa wa go thusa.
Rre Inambao a re o setse a ikuetse mo boeteledipeleng jwa Rakops le banni go thusa, a tlatsa ka gore puso ga e kake ya kgona e le nosi go tlamela ba ba tlhokang.
O akgotse banana ba ditlhopha tsa metshameko ya itloso bodutu ka mpho ya bone, a supa fa e tla thusa fela thata e bile e supa mowa wa bopelotlhomogi.
A re le fa go na le komiti e e tlhamilweng ka bangwe go tswa mo morafeng e bile e rutuntshitswe go thusa go tlamela bana, se se tshwenyang ke gore ga ena ditlamelo tse di lekaneng go dira tiro ya yone.
Le fa go ntse jalo, Rre Inambao o rotloeditse komiti eo go ema ka dinao go dirisa kitso e ba e filweng go thusa go tlamela bana ba dikhutsana.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : RAKOPS
Event : Kabo-dimpho
Date : 02 Jun 2014