Mogokgo o lela ka go ima ga baithuti
01 Jun 2014
Go bolelwa fa seemo sa baithuti ba ba tswang ka boimana kwa sekoleng se segolwane sa Tutume McConnell College se bifela pele.
Mogokgo wa sekole seo, Rre Watson Basoli o boletse mo phuthegong ya batsadi le barutabana fa go setse go dule basetsana ba le lesome le bobedi ka lebaka la boimana mo dikgweding tse nne tse di fetileng.
Rre Basoli a re mo dipalong tseo, bathuti ba le borobabongwe ba ne ba dira mophato wa botlhano fa ba le bararo e le ba mophato wa bone. Mogokgo a re se se ngomolang pelo ka dikgang tseo ke gore beng ba merwalo eo ga se baithuti ka bone mme go supega e le borre kwa motseng.
A re fa ba leka go botsolotsa ka dikgang tsa teng, karabo e nna e e lolea, fa gongwe gotwe ke motswakwa o siele.
O tsweletse a re, ditiro tseo di dirwa ke banna ba ba nang le malwapa a bone mme ba okisa bana ka megala ya letheka le madi. O kopile batsadi ba bana ba basetsana go bua le bana ba bone le go ba lemotsha bodiphatsa jwa go ima ba sale bannye gammogo le kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV.
Mo go tse dingwe , mogokgo o boletse fa boitsholo jwa baithuti bo tokafetse fela thata le mororo go santse go na le bangwenyana ba ba santseng ba saletse morago.
A re kgwetlho e ba santseng ba na le yone ke tshenyo ya dithoto tsa sekole, e e leng maswefela thata kwa matlong a borobalo a basimane ka ba sentse le megala ya motlakase tota. O tlhalositse fa maduo a ditlhatlhobo tsa lekwalo la botlhano a ise a tokafale.
A re sekole se mo maemong a masome a mabedi le bongwe mme le fa go ntse jalo go na le baithuti ba le bane ba ba kgonneng go dira ka bokgabane ka jalo ba bone sebaka sa go ka tsweledisa dithuto tsa bone ba duelelwa ke puso.
Rre Basoli o ngongoregetse seabe sa batsadi mo thutong ya bana bone, a re ba maoto a tshupa mme ba bonala fela fa maduo a dule. A re seo ga se kake sa ba isa gope ka ba tshwanetse go tshwaraganela thuto ya bana go ba betlela isago.
O tsweletse a kopa batsadi go emisa go tlisetsa bana mepako, a re mephuthelwana ya dijo tse di tlisiwang ke batsadi e oka bogotswana mo sekoleng mo ba tsayang nako e ntsi ba seka dikgang tsa go nna jalo.
O kopile batsadi gape go emisa go rekela bana megala ya letheka ya madi a a kwa godimo, a tlhalosa fa bana ba tsaya nako e ntsi ba le mo facebook , selo se a supileng se ba itaya tsebe.
Mongwe wa batsena phuthego, Mme Choopota Mashabile o supile fa bana ba masiela bangwe ba sa dirise dikarata tsa bone sentle ka ba rekela ba bangwe tse ba ditlhokang gore ba ba neele madi a e reng morago ba reke nnotagi ka one.
Mme Princess Tumedi ene o kopile bomme ba bana ba basetsana go bua thata le bana ba bone ka ditlamorago tsa go ima ba sale baithuti.
Morutabana wa tshidilo maikutlo le bokaedi, Mme Onalenna Edward o boletse fa ba nna ba kopana le baithuti ba basetsana ba na le baoki, ba boipelego gammogo le mongwe yo o kileng a ima e santse e le moithuti, maikaelelo e le go suga bana ditlhaloganyo mme maiteko a bone a itaya sefololetse ka dipalo tsa baithuti ba ba imang di golela pele ngwaga le ngwaga.
Mme Edward o kopile batsadi go tla ka tharabolo mabapi le kgang e, a re go lebega fa go saletse kwa botsading ka ba ima ba le kwa malwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Phuthego
Date : 01 Jun 2014