Breaking News

Borukutlhi bo golela pele kwa Sefhare

01 Jun 2014

Seemo sa borukutlhi kwa Sefhare mo kgaolong ya Legare se tsweletse ka go golela pele. 

E rile a bua mo thuto puisanong kwa motseng oo ka Laboraro, motshwarelela mookamela mapodisi a Machaneng, Rre Makgekgenene Leano a re go thujwa ga matlo le marekisetso, dintwa le dipolaano tse gantsi di bakiwang ke nnotagi, go tlhapatsana, kgokgontsho, thekiso ya ditagi tse di seng ka fa molaong, modumo wa diletso, go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ya bojalwa gammogo le bogodu jwa leruo di ba robatse.

A re mo kgaolong e a e okametseng, dipalo di supa fa motse wa Sefhare o sa robalelwa ke ditlhokwa ka o di goga kwa tlhogong fa go tsena dikgang tsa botlhoka tsebe.

Rre Leano a re banana ba motse oo ke bone ba amegang mo borukhuthing jo mme go lebega ba bo dira ka thotloetso ya batsadi ba bone ka gore go bonetse gore fa ngwana a tla ka selwana mo lwapeng ntswa a sa bereke gope, motsadi o se amogela ka ‘atla tsoo pedi a sa mo tlhotlhomise gore o se tsere kae.

O tsweletse ka go supa gore bontsi ja banni ba Sefhare ga ba a itlwaetsa go nna ba loma mapodisi tsebe fa ba bona seemo se se tlhobaetsang kgotsa batho ba senya.

A re bontsi ja batho ba na le kgang ya gore ba tshaba bosupi ka ba na le tumelo ya gore bo a golega, selo se a supang fa se ba tshwenya thata e le ba sepodisi.

Go sale foo, Rre Leano a re tiriso ya motokwane e kwa godimo thata mo bananeng  mme a re se se ngomolang pelo ke gore go bonetse fa bagolo  e le bone ba o rekisetsang banana.

A re tiro ya bone ya go sireletsa setshaba e a ba ketefalela ka gore morafe ga o a tshwaragana le bone ntswa ba kopana le diemo tse di farologaneng tsa borukutlhi motsotso le motsotso mo motseng wa bone.

O gwetlhile banni ba motse oo go ikemela ka dinao, go thusana le mapodisi go itsa go latlhegelwa ke dithoto tsa madimadi.

Rre Leano o  rotloeditse batsena thuto puisano go tsosolosa dikomiti tsa ntebele ke go lebele mo metseng ya bone ka go farologana, a tlatsa ka gore ba ba iseng ba nne le tsone ba tshwanetse go di tlhama ka gore di botlhokwa fela thata. 

O tlhalositse gore fa dikomiti  tseo di le teng e bile di bereke ka fa tshwanelong, seemo sa borukutlhi se ka tokafala go menagane. O tsweletse a rotloetsa bagwebi go thapa  badisa dikago kwa marekisetsong a bone. 

A  re go tlhoka motlhokomedi fa marekisetso a sena go tswalwa go fa dikebekwa sebaka sa go thuba ba bo ba utswa. O ne gape a gwetlha banana go inaakanya le mananeo a puso a a diretsweng go ba ntsha mo mebileng gammogo le go ba inola mo lehumeng gore ba tsoge ba na le bokamoso jo boeletsegang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto puisanyo

Date : 01 Jun 2014