Breaking News

Ba Mmathethe ba isa malebogo

01 Jun 2014

Go ne go o sha legong go sala molara, lerole le beta kolobe, kwa kgotleng ya Mmathethe, fa balemi barui le matshwitshwiti a batho baneng ba kokoane go lebogela pula le thobo e kgolo. 

Sebui sa tlotla mo letsatsing leo la go ipelela thobo le go lebogela Ramasedi marothodi a pula, e leng motshwarelela kgosi ya Bangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane. O ne a galaletsa Bangwaketse thata go leboga Modimo go bo a ba neseditse dipula tsa medupe. 

Kgosi Kgamane o boletse fa temo thuo e le mokwatla wa itsholelo ya ngwana wa Motswana, a bolela fa Batswana ba rapetse ka bokete, le ka bongwefela jwa pelo gore Modimo o ba golole mo leubeng. Kgosi Kgamane o rotloeditse Batswana go tswelela ba lema go jesa lefatshe leno. 

O ne a akgola molemi mogolo, Kgosi Daniel Mathiba, yo o dirileng gore go nne le letsatsi la mofuta o. Kgosi Kgamane o rotloeditse gape balemibarui go lemela kgwebo e seng go lemela mo ganong fela, le go lema ka ditselana, eseng go gasa.

Le fa gontse jalo, kgosi ya Mmathethe, Kgosi Daniel Mathiba, o boletse fa ba ne ba araba lentswe la ga tautona wa lefatshe leno go leboga Modimo go bo o ba neseditse dipula tsa medupe, tse di ba fileng thobo e e nametsang. 

O boletse fa ba dirile mo go tweng lentswe la kgosi le agelwa mosako. Mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele o rotloeditse balemibarui go tswelela ba dirisa mananeo a puso a temothuo go ithusa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Dithapelo go leboga pula

Date : 01 Jun 2014