Breaking News

Bomme ba latela metlhala ya khumo

01 Jun 2014

Go supagetse fa bontsi jwa bomme mo malatsing a gompieno ba bulegile matlho ka jaana ba kgona go tswa ka maano a go inamola mo lehumeng la nta ya tlhogo. 

Go ya ka fa bomme ba neng ba godiswa ka teng bogologolo, ba ne ba ba beilwe ka fa mosing ka ba ne ba sa kgone go itirela mme ba beile fela mo go borre ba ba tshelang nabo. Mme Neo Lepokane go tswa kwa lephateng la bong kwa Serowe, o buile mafoko a mo thuto seka dipuisanong ya malatsi a mabedi kwa Sefhare. 

Thuto seka dipuisano e, e ne e rulagantswe ke ba mokgatlho wa Kgetsi ya Tsie, go tla go abelana megopolo ya go itshetsa, go buisana ka dikgwetlho tse banni ba metse ya Tswapong ka go farologana ba kopanang natso gammogo le dikgang tse di amang bong, boleng le bolwetse jwa HIV/AIDS.

Mme Lepokane a re mo malatsing a segompieno bomme ba tsweletse ka go supa fa go sena tiro e go tweng e kgonwa ke borre fela, a re ba setse ba simolotse go tsena gongwe le gongwe go batla maano a go itshetsa.  

A re bomme ba setse ba bonala le mo ditirong tsa meepo, sesole, go aga, go kgweetsa difofane ga mmogo le gone go itirela ditiro tse di farologanyeng ka diatla.

O supile fa le gape fa bomme ba tsweletse ka go tsena dikole ka dipalo tse di kgotsofatsang fa go tshwantshanngwa le maloba jale, a tlatsa ka gore ka ntlha ya se, bomme ba kgona go iphitlhela ban a le seriti le serodumo se se rileng mo setshabeng. 

Mme Lepokane o ne a akgola bomme ba Kgetsi ya Tsie go menagane, a re ba na le seabe se setona thata mo go fetoleng bomme ba bangwe ka go ba fa maele a botshelo. 

A re go supega gore le fa motho a sa itewa seatla, fa a inaakantse le Kgetsi ya Tsie o ka felela a tshela botshelo jo bo eletsegang. 

O ne a rotloetsa gore batho go tsweamo mekgweng ya segologolo ya go godisetsa bana segolo jang ba basetsana mo ditumelong tse di ka felelang di ba tshedisetsa mo lehumeng. 

O boletse fa bogologolo bomme ba ne ba gatelelwa thata ke lehuma fa banna ba bone ba sena go tlhokafala ka ba ne ba beile sengwe le sengwe mo go bone, a tlatsa ka gore seo ga se sa tlhole se le teng ka bomme ba ikemetse ka dinao.

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Kgetsi ya Tsie, Mme Kenaope Bantshitswe, a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go ntsha bomme mo lehumeng, ka go itirela ka diatla. 

A re gantsi ba dirisa ditsatlholego go dira dilo tse di farologanyeng tse di ka ba tsenyetsang madi, a tlatsa ka gore mo nakong ya gompieno ba inaakantse le go dira mafura le molora o o tlhapang, ba dirisa maungo a setlhare sa morula.

Mme Bantshitswe a re go a itumedisa ka gore tiro e ya bone ba e dira ka thotoetso ya baeteledipele ba metse, ba boipelego, ba botsogo le maphata a mangwe. 

A re ba tsweletse gape ka go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho, kgethololo le tse dingwe tse ba tsayang gore di ka kgoreletsa maiteko a bone a go thusa go namola motho wa mme mo lehumeng. 

O supile fa mokgatlho wa bone o dira go tlala ka diatla, a re ba setse ba tswa go boa le kwa lefatsheng la Swaziland kwa ba neng ba ile go abelana megopolo ya itshetso le bomme ba koo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto puisanyo

Date : 01 Jun 2014