Breaking News

Chilisi e thusa go lwantsha ditlou

01 Jun 2014

Balemi ba motse wa Rakops ba gakolotswe go dirisa mananeo a puso go laola diphologolo tse di ba senyetsang mo masimong jaaka ditlou.

Kgakololo eo, e ntshitswe ke mopalamente wa Boteti Bokone, Rre Slumber Tsogwane bosheng kwa moletlong o neng o rulagantswe ke morafe go ipelela thobo le go leboga Ramasedi ka dipula tse dinamagadi tse di neleng mo kgaolong ya bone.

Mopalamente Tsogwane o kgotlhaditse balemi gore le fa ba tlhorontshiwa ke ditlou ba seka ba nyema moko mme ba tswelele ka go baya tema gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekanyeng go jesa malwapa a bone le go rekisetsa ba ba sa kgonang go lema. 

O supile fa tiriso ya chilisi e thusa thata go lwantsha ditlou gore di seka tsa kgaola terata e ageletseng masimo le go ja dijwalo. Rre Tsogwane a re goromente o itse sentle gore ditlou di tlhorontsha balemi, ka jalo o tsweletse ka go dira maiteko a go laola seemo seo.

Le fa go ntse jalo, Rre Tsogwane a re banni ba Rakops ba tlhaloganye gore diphologolo tsa naga jaaka ditlou di thusa thata go godisa mohama wa bojanala. 

Ka jalo, a re go laola ditlou ka go di bolaya e tlaabo e le go busetsa mohama wa bojanala kwa morago, o tsweletseng ka go gola le go nonotsha itsholelo ya lefatshe. Rre Tsogwane o supile gore le fa goromente a ka nna le keletso ya go fokotsa palo ya ditlou ka go di bolaya, banni ba Rakops ba tshwanetse ba gakologelwe gore tshwetso e ka tsewa go setswe morago melao ya mafatshefatshe ya lekgotla ya CITES, mme e bile go sena go dirwa ditshekatsheko tse di tseneletseng.

Mokhanselara wa Tsienyane Bophirima, Mme Batoli Manyuni o lebogile morafe wa Rakops go bo ba kgonne go rulaganya letsatsi la go ipelela thobo le go lebogela pula. 

Mme Manyuni a re moletlo wa dikgafela o thusa thata go tsosolosa ngwao, go oketsa dijo le gone go bopaganya morafe. 

O supile gore le fa gone balemi ba tshwenngwa ke ditlou, ba dirile ka natla go roba sengwenyana se ba ka tshetsang bana ka sone, a tlatsa ka gore bangwe ba bone ba lemile mo thoko ga noka ya Boteti fa ba bangwe e le ba temo ya komelelo ba ba tshephang fela mo go Ramasedi go ba nesetsa pula. 

Mokhanselara o tsweletse a rotloetsa balemi go dirisa lenaneo la ISPAAD le go lema ka ditselana gore ba kgone go ntsha thobo e botoka. 

O kgothaditse ba ba nang le diterekere go ema ka dinao gore ba kgone go lemela balemi ka nako. A re go lema ka nako go ka thusa balemi gore ba kgone go roba pele ba tlhaselwa ke ditlou. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : RAKOPS

Event : Moletlo wa ipelelo thobo

Date : 01 Jun 2014