Letsema le thata ka mong
01 Jun 2014
Kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye a re e re ntswa lenaneo la Ipelegeng le le botlhokwa mo go thuseng batho ba ba dikobodikhutshwane ka ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone, o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba phuaganya masimo a bone go ya go batla ditiro kwa Ipelegeng ntswa mmuso o dirisitse madimadi go ba lemela.
O ne a gatelela thata Setswana se se reng, “letsema le thata ka mong”, a tlhalosa fa go le mo maruding a balemi go tlhokomela masimo ka go ntsha mhero, go bolaya diji, go leta le gone go agelela masimo a bone, go itsa leruo le diphologolo tsa naga go senya dijwalo.
Kgosi Segotsi a re le fa tota a sena thata ya go emisa lenaneo la Ipelegeng ka nako ya temo, gone keletso ya gagwe ke gore puso e sekaseke seemo se, mme e emise mananeo a Ipelegeng, kgwedi di ka nna thataro, gore batho ba kgone go itebaganya le masimo a a ka ba ntshetsang dijo tse ba ka itshetsang ka tsone, go na le go ikaega fela ka dithuso tsa puso.
E rile kgosi a itebaganya le maikaelelo a phuthego eo, a bolela fa maikaelelo ele go araba mokgosi wa ga tautona wa go kopa Batswana, lefatshe leno ka bophara go tshwara merapelo ya go lebogela Modimo go bo o ba neseditse dipula tse dinamagadi tse di dirileng gore Batswana bale bantsi ba bone thobo e nametsang.
A re ka ntlha ya dipula tse di tsorotlileng ka bokete mo dikgaolong tsa lefatshe leno, dinoka ka bontsi di ne tsa tlala mo di neng di penolo, naga le yone ya sala e kgabile ka kobo e tala, fa thobo yone e nnile e nametsang e bile e itumedisa le go feta.
E rile Moruti Dichaba Kebaagetse a tswa lefoko la kgothatso, a kopa Batswana go tswelela ka go ikaega ka thapelo ka jaana ele yone tsela le boammaruri mo matshelong a mongwe le mongwe.
Moruti Kebaagetse a re le fa batho bangwe ba sa dumele mo Modimong ka ba ise ba kopane nao ka namana, gone ba tshwanetse go dumela fa Modimo ole teng ka go ela tlhoko ditiragalo tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara.
A re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a segofaditsweng mo Aferika ka jaana le sena dintwa tsa semorafe kana sepolotiki jaaka re bona mo mafatsheng mangwe a ka sekang a umakiwa ka maina.
Mo merapelong eo, e neng e tshwaretswe mo kgotleng kgolo ya Mahalapye, morafe one wa supa boitumelo ka go opela difela tsa dikereke le go letsa megolokwane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jun 2014