Pheto o itumelela tirisano mmogo
01 Jun 2014
Mopalamente wa Kweneng Borwa, Maj. Gen. Moeng Pheto a re o lebogetse tirisano mmogo ya gagwe le batlhophi mo kgaolong ya Macheng mo go lereng ditlhabololo tsa kgaolo eo.
O kaile fa tshwaragano, neelano le morero, e nnile tsone konokono mo go thuseng go tlhomamisa gore kgaolo eo e bona ditlhabololo kwa mafelong a dineng di tlhokega kwa go one go sena go ikgagapelela.
Mopalamente o buile seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Lephepe le Loologane fa a ne a laela batho ba kgaolo eo fa jaanong a sena go emela ditlhopho mo kgaolong eo morago ga kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi.
O kaile fa mo nakong eno a tlaabo a sa ntse a dira ele mopalamenete wa bone go fitlhelela go phatlaladiwa ga palamante. O bile a tswelela ka go kopa tshwaragano le go tswelela ba lekodisanya ka tse di amang kgaolo.
Banni ba bile ba lekodisiwa fa ba lephata la diphologolo ba kampa ya Dithopo ba dirile dikopo mo morafeng go ba tlhokomelela diphologolo ba tshwaraganetse. A re thulaganyo eo e tla akaretsa le go tsadisa diphologolo tseo ka tsela e faphegileng gore kgaolo eo le yone e nne le lefelo le e ka ipelafatsang ka lone la bojanala jaaka kwa mafelong a mangwe a tshwana le Okavango.
A re e tla re fa tiro ya go sekaseka baikopedi e sena go wela, ba tla itsisiwe gore ke ba fe ba ba atlegileng go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela kampa eo.
Mopalamente o tlhagisitse batho ba motsana wa Loologane kgatlhanong le thekiso ya lefatshe, go hema go jewa ntsoma mo dilong tse puso e ba thusitseng ka tsone, ka jaana e tlaare kwa bofelong ba sale ba iphotlhere.
Kwa Lephepe banni ba tlhaloseditse mopalamente wa bone fa ba tlhorontshiwa ke dikgomo tsa matimela tse dijang masimo a bone mo go yang go kgoreletsa thata thobo ya balemi ba kgaolo eo.
Ba bile ba ntsha matshwenyego a gangwe le gape a dituelo tse di sisimosang tsa metsi lentswa go sena sesupo sepe sa dikgwedi tse ba di kolotang.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Botsang Ntwampe, o akgotse khansele ya Kweneng ka e ba thusitse ka madi a kana ka P23 000 go baakanya sekolo sa bananyana. O kopile gore ba thusiwe ka barutabana ba ba rutetsweng tiro kwa sekolong se sebotlana ka jaana ba eletsa go tokafatsa maduo a bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jun 2014