Breaking News

Dipalamo di a tlhaela kwa Letsholathebe

29 May 2014

Motse wa Letsholathebe o lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya dipalamo tsa setshaba ntateng ya tsela e e maswe.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Gillard Letsholathebe o tlhalositse fa motse wa gagwe o lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la dipagamo tsa setshaba fa e sale jo tlholega ka ngwaga wa 1950. 

O tlhalositse fa mongwe a kile a ithaopa go thusa go rwala morafe wa gagwe mme ka maswabi a tsamaela ruri a kojwa ke tsela e e sa nnang sentle.

A re e ne ya re mo kgweding ya Motsheganong e rogwa, monni mongwe wa motse o, a akanyetsa ba gaabo go ba namola mo selelong se ba leng mo go sone gore le bone ba kgone go anywa ditirelo tse di seong mo motseng wa bone mo mafelong a a farologaneng.

 Banni ba motse o ba tshela ka go kopa mosepele mo go bomorwarraabo fa bangwe ba tsamaya mosepele o moleele o nako le nako ka maoto, go ya kwa Masunga.

Go ya ka mongwe wa banni ba motse oo, Mme Mercy Baaname, a re ba beile fela mo Modimong gore sepalamo se se teng mo bogompienong se seka sa ba latlha, mong wa sone a kojwa ke tsela e e maswe. 

Mme Baaname o tlhalositse fa ba ne ba sa kgone go ya go kopa ditirelo ka go farologana ka nako kwa motseng wa Masunga kana Francistown ka ba ne ba ema lebaka le le leele mo maemelong a dipagamo go sena nko e e tswang lemina. O tlhalositse fa tsela e, e ba beile ka fa mosing go akola ditirelo mo makalaneng a a farologaneng a puso le a a ikemetseng, a a seyong mo motseng wa bone.

Le ntswa ditlhabololo di goroga ka monokela mo motseng o, mothusa mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tumelo Jotia, o tlhalositse fa ba ne ba aga mafelo a maemelo a dipagamo ka tsholofelo ya gore ba tla nna le dipagamo tsa setshaba ka e bile motse wa bone o godile. 

A re mme ka go tlhoka lesego, mafelo ao ga a mo tirisong mo nakong eno ka one mabaka a letlhoko la dipagamo. Mme Jotia o tlhalositse fa komiti e leka ka bojotlhe go thusana le puso go tsisa ditlhabololo mo motseng wa Letsholathebe.

Rre Simani Tafa, yo e leng ene mong wa sepagamo se se simolotseng kgwedi eno e rogwa, o tlhalositse fa le ene a lebaganwe ke kgwetlho e tona ya ditshenyegelo. O boletse fa tsela e, e sa mo ema sentle ka a tshwanelwa ke go baakanya koloi ya gagwe gangwe le gape, ka e tlhatlhobiwa morago ga dikgwedi tse thataro go ya ka melawana ya dipagamo tsa setshaba. Rre Tafa o tlhalositse fa se, se ka se mo fe dipoelo tse a neng a di solofetse.

E ntse e le mo motseng wa Letsholathebe, Kgosi Letsholathebe o ne gape a supa matshwenyego kgatlhanong le borukutlhi mo motseng wa gagwe. A re banni ba motse o ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go berekela mono. Le ntswa motse o o lebanwe ke dikgwetlho, kgosi o ne a supa boitumelo ka dikago tsa mantlwana a boiteketso tse di tsweletseng ka go agiwa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 29 May 2014