Makgotla a a itshekatsheka
29 May 2014
Mothusa motsamaisa lekgotla legolo la ditsheko a lebagane le tsa tsamaiso, Mme Tshegofatso Mogomotsi o beile barongwa ba makgotla a ditsheko dintlha di ferabobedi tse makgotla a duleng ka tsone go tokafatsa seemo sa tiro ya bone.
Mme Mogomotsi a re molawana o o teng ke wa go simolodisa ofisi e e lebaneng le dikgang tsa barongwa ba makgotla a ditsheko go nna le sebaka se ba tshwanetseng go se nna mo ofising eseng jaaka go ntse mo nakong eno. A re jaanong ba ya go nna dingwaga tse tharo mo ofising motho a bo a ka thapiwa gape ka go ikopela tiro.
Mme Mogomotsi o tsweletse a re barongwa ba ya go nna le dikarata tse ba tshwanetseng go itshupa ka tsone go fokotsa dingongorego tsa setshaba le go ka ba farologanya le batho bangwe ba ba ipitsang barongwa mme e se bone. O rile dikarata tseo ke tsa boleng jo bo kwa godimo tse di ka sekeng tsa itirelwa motlhofo.
O tsweletse a re madi a bond e ntse ele P20 000 mme ba batla a okediwa go nna P100 000 kana ka fa ba tla a dumelanang ka teng.
O ile gape a re ba tshwanetse go nna le letlole la morafe gore ba kgone go supa go tsena le go tswa ga madi le gone go itsa go tlhakatlhakanya madi a bone le a setshaba. A re go botlhokwa go supa dipoelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi.
Mme Mogomotsi a re ba ya go simolola go ba etela ba sa ba itsise go bona gore a ba dira dilo ka fa tshwanelong le gone gore a ba tshwara dibuka sentle.
E ne ya re a bua mo boemong ja lekgotla la ba bueledi, mmueledi Rre Gabriel Komboni go tswa kwa komponeng ya Phumaphi le Chakalisa kwa Francistown, a tlhalosa ka botlalo ka Trust Account le bomosola ja yone a re e thusa thata mo tsamaisong ya ofisi le go dira dilo ka tolamo gammogo le go itse go tsena le go tswa ga madi.
A re go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo ya motia fagare ga babueledi le barongwa ka bobedi jwa bone ba tlhokana gore tiro ya bone e tswelele. O tsweletse a re barongwa ke badiragatsi ba molao ka e le bone ba isang dipampiri tsa tshwetso e lekgotla le e tsereng kwa go yo go ngongoregiwang ka ene, tse fa gongwe di tlhokang tuelo ya madi kana thekiso ya dithoto.
Rre Komboni a re madi ao ga se a bone ke a batho ba ba kolotiwang, jaanong go mosola go nna le letlole kwa madi otlhe a tsenngwang teng fa a sena go tsewa kana morago ga thekiso. A re gore seo se kgonege, go botlhokwa gore melawana ya ditsamaiso e nne teng go rurifatsa tshimolodiso le go nna teng ga Trust Account.
A re go tlhoka gore madi otlhe a tsenngwe mo letloleng leo mme ga e tlhakanngwe le madi a kgwebo. O tlhalositse fa ditsamaiso tsotlhe tsa go baya madi le melawana di tshwanetse go salwa morago, a tlatsa ka gore ka tshwanelo mongwe le mongwe yo o thusiwang o tshwanetse go nna le faele ya gagwe, mme fa motho a le mongwe a na le dikgang tse di fetang bongwe le difaele di tshwanetse tsa feta bongwe.
Mo boemong ja bangwe ka ene, mongwe wa ba barongwa ba makgotla a ditsheko Rre Ikageng Seloi a re ba kopa tirisano mmogo le ofisi kgolo ya bone eleng makgotla a ditsheko, segolo ya ga mmakaseterata le babueledi. A re bone ba beile matshelo a bone fela mo diatleng tsa babueledi.
Rre Seloi a re ga ba kgone go dira tiro ya bone ka tshosologo ka ba sa sirelediwa ke molao, a supa fa marapo otlhe a neetse babueledi, mapodise le bo mmakaseterata. A re ba beile mo go beelweng monwana ke bobedi joo gore ba kgone go bona dikatso go sa nneng jalo ga ba kake ba dira sepe.
O ile a re setshaba se ba bitsa magodu, ka mongwe le mongwe a kgona go ipitsa morongwa wa makgotla a ditsheko. Rre Seloi o supile botlhokwa ja go nna le lekgotla la barongwa mme a tlhalosa fa a sa itse gore go pala eng gore le kwadisiwe semmuso ka sengwe le sengwe sa lone se weditswe. A re ba tswa kgakala ba bua ka go nna teng ga ditlankana tsa itshupo.
A re mo nakong e nngwe ba iphitlhela ba le ka fa tlase ga kgatelelo, mme ba tlole molao, ba dire se babueledi, bo mmakaseterata le mapodise ba reng ba se dire ntswa ba ntse ba lemoga gore ga go ka fa tsamaisong.
O ile gape a re dituelo tsa bone di saletse morago ka jalo di tlhoka go sekasekwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya badiredi ba dikgotla-tshekelo
Date : 29 May 2014