Breaking News

Bokone Bophirima o aperwe ke botlhoka tsebe

29 May 2014

Motse wa Maun o apesitswe kobo ka letshoba ke botlhoka tsebe jo bo tsweletseng ka go baka dipalo tse di kwa godimo tsa borukutlhi segolo jang tsa go thubetswa.

E rile a bua mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Batawana bosheng, ramapodise a Botswana, Rre Keabetswe Makgophe a re, kgaolo ya Bokone Bophirima ke yone e di gogang kwa tlhogong mo dikgannyeng tsa borukutlhi jaaka go thubetsa mme a re sepodise se tshwentswe ke seemo se.

Rre Makgophe o supile fa  motse wa Maun e le one o o kwa godimo ka dikgang tsa dipetelelo.

Ramapodise o tsweletse ka gore ba sepodise ba bone go le maleba gore ba tsibogele seemo se go sa le gale mme a gatelela gore ba ka dira ka gotlhe mo ba nang le gone le matlhale a sepodisi mme ba ka se kgone ntleng le kemo nokeng ya setshaba ga mmogo le dikereke.

O rotloeditse dikgaolo tse dingwe go tsaya kgato go sa le nako go lwantsha borukutlhi gore ba se thanye lemapo le le tsebeng. Rre Makgophe a re, le fa motse wa Maun o tshwenngwa thata ke borukutlhi mme o dira go le gontle thata go bo lwantsha le go ema mapodise nokeng, se a reng se ka kwatabolotswa ke metse e mengwe.

O tlhalositse fa e rile ka 2013, ba sepodise sa Botswana ba ipeela seelo sa  gore e re ngwaga o fela ba bo ba kgonne go fokotsa borukutlhi jwa dikgoka ka borataro mo lekgolong. A  re maitlamo a bone a ne a atlega fela thata ka ba kgonne go fokotsa borukutlhi ka lesome le botlhano mo lekgolong mme a re ba kgonne se, ka tirisano mmogo ya setshaba.

O tsweletse ka gore o dumela fa tirisano mmogo ya setshaba le mapodise e tlaa tswelela e ungwa maungo a a molemo, ka jalo ba tlaa kgona go fedisa kgokgontsho ya bomme le dipetelelo tse di ileng magoletsa kwa Maun.

Ramapodise a re bomme ba betelelwa ba bo ba tseelwa matshelo gammogo le go tsenwa ke malwetse a dikobo, mme a re ditiro tse di dirwa ke batsadi mo baneng ba bone, banyalani le ditsala jaaka baratani, gongwe batho ba kopana fela mo mafelong a itloso bodutu mme e re go tsweng foo mongwe a itseele dikobo ka dikgoka a re yo mongwe o mo nole.

Rre Makgophe a re ba boloditse letsholo la go tsena ntlo le ntlwana, e bile ba kile ba etela dikereke le mo mafelong a itloso bodutu go tlhagisa setshaba ka borukutlhi le dipetelelo le go ka iphemela mo go tsone.

A re ba setse ba rutuntshitse batho ba le dikete di le tlhano mme a tlhalosa fa ba tshwanelwa ke go dira go feta ka ba ile ba gatisa dikgang tse pedi tsa dipetelelo ka letsatsi la tshipi ba ntse ba tsweletse ka ithutuntsho.

Ramapodise a re sepodise se tsere tshwetso ya gore go se nne le kgang ya petelelo e e tshololwang, a re se se tla morago ga go lemoga fa batho ba ba dirileng melato ba rata go e boelela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ame Ketlogetswe

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 May 2014