Ba rotloediwa go ipelega
29 May 2014
Mothusa kgosi wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Makgabane Tsiane a re nako e gorogile gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di tswe ka maano a go itirela madi go a dirisa mo ditlhabololong tsa metse go na le go ikaega ka thuso e e tswang mo pusong fela.
Kgosi Tsiane o boletse mo potsolotsong gore dikomiti tse, segolo jang tsa metse selegae di tshwanetse go loga maano go bona gore di ka dira madi jang ka jaana go supagetse fa di saletse morago go na le tsa ditoropo.
Kgosi o kaile fa kwa motseng wa Takatokwane ba itomile molomo wa tlase go bona gore ba diragatsa ditlhabololo mo motseng wa bone ka madi a ba a itiretseng. Bosheng jaana maloko a komiti ya motse wa Takatokwane ba ne ba etetse dikomiti tsa Gaborone ka maikaelelo a go ya go tsaya malebela ka fa ba dirang ka teng ka jaana dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
Kgosi Tsiane o supile fa ba ne ba tseneletse dithuto tse di neng di rulagantswe ke ba khansele ya Gaborone go ya go tsaya malebela mo dikomiting tsa koo ka bone ba gatetse pele mo dilong di le mmalwa. Kgosi o tlhalositse fa e ne ya re ngwaga o o fetileng ba kwalela dikomiti tsa metse ya ditoropo ba kopa gore ba ba rutuntshe mme ya Gaborone ya amogela kopo ya bone.
O tlhalositse fa dikomiti tsa Gaborone di dirile di le mmalwa jaaka dikole tsa bananyana ka madi a ba a itiretseng mme ba sa a fiwa ke puso ka jalo a re le bone e le ba Takatokwane ba ikaeletse go dira seo.
A re dikomiti tsa metse ya ditlhabololo kwa metseng ya selegae ba dira madi ka go hirisa matlo a VDC a le one bontsi ja sebaka a nnang a le mo seemong se se sa kgatlhiseng. A re morago ga go boa kwa Gaborone ba ikaeletse go tlhabolola matlo ao ba a baya mo seemong se se botoka b abo ba a tsenya le motlakase gore ba hirisetse badirelapuso ka jaana ba tlhaelelwa ke boroko.
O supile fa komiti ya Gaborone e ba solofeditse go ba batlela kompone e e tla ba thusang ka tsa madi go netefatsa gore ba itirela di le dintsi ba sa thusiwe ke puso ka le yone e tlhaelelwa ke madi.
O gwetlhile dikomiti tsa metse ya selegae go etela dikomiti tsa metse setoropo go ya go kopa dithuso le gone go anya botsipa ka bone ba gatetse pele fela thata. Kgosi Tsiane o gateletse botlhokwa jwa go itsaya tsia ga maloko a dikomiti tsa metse ka jaana e le baeteledipele ba metse e bile ba tshwanetse go dira tiro eo ka manontlhotlho le lorato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 29 May 2014