Go tlhokomela matimela go turu
29 May 2014
Mopalamente wa Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay a re mo phuthegong ya palamente e e latelag, puso e tla a seka seka molao wa matimela.
E rile a buisa phuthego kwa Letlhakeng ka Labobedi, Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa, Rre Kablay o ne a tlhalosa fa puso e babaletswe ke go tlhokomela dikgomo tsa matimela ka jaana go le turu.
O ne a fa sekai ka tsamaiso ya gompieno e e mo molaong ya gore puso e tlhokomele dikgomo tsa matimela sebaka sa dikgwedi tse thataro pele ga e ka di rekisa fa di sa bona mong. A re dikgwedi tse thataro di dintsi thata ka jaana puso e tshwanelwa ke go nosa, go jesa ga mmogo le go duela badisa fa dikgomo tse di santse di emetse go batiswa beng.
A re go baya dikgomo mo tlhokomelong ya puso go ka nna le ditlamorago tse di maswe ka jaana puso e ka tlamega go phimola beng ba tsone dikeledi fa dika swa kgotsa tsa golafala dile mo tlhokomelong ya yone.
Rre Kablay o ne a bolelela batho ba motse oo gore go tla nna le therisanyo ee tseneletseng lefatshe ka bophara pele ga go ka fetolwa ditsetlana dingwe mo molaong oo.
Mo go tse dingwe Rre Kablay ne a lekodisa batho ba motse oo fa seemo sa itsholelo mo lefatsheng leno se supa fa se tokafala, mme a ba tlhalosetsa gore fa se nna botoka puso etla leka pele go araba dilelo tsa Batswana mo dilong dingwe tse ba saleng ba di kopile fa itsholelo e santse e le maswe.
Rre Kablay o ne gape a ba lekodisa ka kgaoganyo ya madi a setshaba, a supa fa lephata la thuto le filwe madi a a fetang a maphata a mangwwe otlhe ka jaana le na le dikgwetlho di tshwana le go wela tlase ga maduo a ditlhatlhobo. O ne gape a tlhalosa fa puso e lekile go tokafatsa seemo sa badirelapuso ka go oketsa madi aa fiwang baba berekelang kgakala le ditlamelo (RASA) ga mmogo le go oketsa ba ba ka akolang lenaneo la go ikopela madi a go aga matlo la SHHA.
O gakolotse batho ba motse wa Letlhakeng go tsaya mananeo a puso, bogolo jang a temo ka tlhwaafalo ka jaana a na le maduo a a nametsang.
Rre Kablay a re go a tshwenya go bona batho bana le mokgwa wa go tlogela temo ba sia le ipelegeng, ntswa maduo a temo a nametsa go na lea ipelegeng.
O ne a fa sekai ka kgetsana ya dinawa, e a reng e lopa P700 ka ditlhwatlhwa tsa gompieno
En rile ba mo kgwa dikgaba, batho ma motse oo ba ne ba lela ka go tlhaelelwa ke dikoloi ke ba sepodise sa Letlhakeng, ba re se lo se se dirile gore seemo sa borukutlhi seye kwa godimo mo kgaolong ka jaana magodu ba setse ba lemogile fa mapodise a sokola go tsibogela dipego ka pela.
Ba ne gape ba kopa gore bodiredi ja sepodise bo okediwe, mme ba kopa le gore go okediwe dikatso tsa mapodise a baithaopi.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse oo, Mme Maikgodiso Moshe ene o ne a lebogela puso mananeo a tshwana le la ISPAAD, ga mmogo le le lesha la tirelo setshaba, a re le thusitse thata go fokotsa mosuke wa ipelegeng bogolo jang mo bananeng.
Erile a ba araba, Rre Kablay o ne a solofetsa batho ba motse o o fa a tla bua le bagolwane ba sepodise ka mathata a sepodise sa Letlhakeng, mme a supa fa a tshwenngwa ke gore sepodise ke lengwe la maphata a a neng a busa madi a se kana ka sepe mo ngwageng wa madi oo fetileng ba sa a dirisa.
Rre Kablay o ne gape a lebogela batho ba motse wa Letlhakeng tirisanyo mmogo ya bone mo dingwageg tse tlhano tse a neng e ntse ele mopalamente wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 May 2014