Breaking News

Tlhaelo ya dipilisi e tshwenya banni ba Khakhea

29 May 2014

Banni ba Khakhea kwa kgaolong ya Ngwaketse Bophirima ba ikuetse mo go mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae ka tlhaelo ya dipilisi mo kokelwaneng ya bone.

Fa a lekodisa mothusa tona, mokwaledi wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Mme Fridah Mampe, o tlhalositse fa kokelwana ya motse wa bone e tlhaelelwa ke dipilisi mo go pateletsang balwetse bangwe jaaka ba ba nang le bolwetse  jwa tlhaloganyo go tlodisa go nwa dipilisi ka ntata ya seemo seo.

Mme Mampe o kaile fa tlhaelo ya dipilisi e pateletsa ba ba kgonang go tsamaya sekgala se se telele go ya toropong ya Jwaneng go latela dipilisi mme ba ba senang madi bone ba botabota tsela ya kokelwana ka tsholofelo ya gore ba ka di bona.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo o ne gape a ikuela mo go mothusa tona ya botsogo gore go okediwe baoki mo motseng ka ba na le ba le babedi fela, ba ba ketefelelwang ke tiro, ka ba tlhokomela le balwetsi ba metse e e mabapi. 

O ne gape a bolelela Dr Gloria Somolekae ka letlhoko la boroko le le apereng badirela puso ba tshwana le baoki, barutabana, mapodise le badiri ba makgotla a Setswana.

Mongwe wa banni, Rre Motlasuping Lekgare, o ne a kopa mothusa tona ya botsogo gore ba leke go tlhabolola kokelwana ya bone gore e kgone go belegisa, go kgaolela bomme ba ba gaufi le go belega mosepele wa go ya dikokelong tse dingwe tse di belegisang.

Fa araba matshwenyego a banni,  Dr Gloria Somolekae o tlhalositse fa lephata la botsogo le tla tokafatsa phatlalatso ya melemo gore e kgone go goroga kwa metseng yotlhe ya lefatshe leno.

Mothusa tona o ne gape a tlhalosa fa kwelotlase ya itsholelo e bakile gore ditlhabololo tse dingwe di seegelwe fa thoko, mme o ne a solofetsa banni ba Khakhea gore fa itsholelo e sena go itshetlela ditlhabololo di tla goroga kwa Batswaneng.

Mothusa tona o ne a kgothatsa batsena phutego go tsaya botsogo jwa bone tsia ka go itlhatlhobela malwetsi a tshwana le madi a a kwa godimo, kankere ya popelo, sukiri, mogare wa HIV le kgotlholo e tona, ka go supegile e le malwetsi a a atileng mo Botswana.

Mothusa tona o ne gape a bolelela batsena phuthego fa ba botsogo ba tlhabolotse kwa go tlhatlhobelwang kankere ya popelo teng, ka go sa tlhole go tsaya sebaka se se leele jaaka pele go bona maduo.

Fa a fa malebo, mopalamente wa kgaolo, Rre Mephato Reatile, o lebogetse go bo mothusa tona a tsile go lekola banni ba Khakhea, e bile tsholofelo e le gore matlhoki a bone a tla sekasekwa mme a bone tharabololo.

Mopalamente o ne a kopa banni go nna pelotele mo dikopong tsa bone ka jaana itsholelo e sa ntse e tokafala e bile mothusa tona a ya go buisana le ba ba maleba ka dikgwetlho tsa bobe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 May 2014