Breaking News

Monana o atla lenaneo

27 May 2014

Morui wa dipudi tsa lenaneo la banana kwa motsaneng wa Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye , Rre Kabo Kudumane o iteetse lenaneo leo legofi, ka a re le bogadi bo gaufi ka jaana a kgona go oba letsogo le go inamola mo lehumeng.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kudumane yo e leng monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, o boletse fa a sala a simolotse kgwebo ya thuo ya dipudi ka ngwaga wa 2009.

A re mo nakong eno, kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle fela thata le leruo le atile ka a setse a na le dipudi di le lekgolo le botlhano, morago ga go rekisa thata ka lebaka.

O tsweletse  a tlhalosa fa mmaraka o mo hupetsa e bile a sa o kgone ka batho ba ba rekang  dipudi ba le bantsi, segolo thata ba mananeo a a tsweletseng a nyeletso lehuma gammogo le batho ka bongwe ka bongwe. 

Rre Kudumane a re, e re le ntswa bareki ba le motseletsele, o ikanya go rekisa dipudi tsa gagwe ka dipalo go na le go rekisa ka bongwe ka bongwe ka se ele mothale mongwe wa go tsholetsa dipoelo mo kgwebong.

O boletse fa a tseetse leruo la gagwe kwa ntle ga motse le masimo, se ele go tila dikgotlhang fagare ga gagwe le balemi gammogo le baagi ba motse.

Rre Kudumane  o tsweletse a re o tsadisa ka dipalo tse di kwa godimo mme o lebogetse a bo a galaletsa mofuta wa diphoko tse a di dirisang go tsadisa eleng tsa Boer le Kalahari , a re o lemogile gore di tswakantswe ka jalo bana ba tsone ba gola ka bonako .

O kaile fa di tshabelelwa ke go tsala mafatlha selo se a tlhalosang se mmerekela mo kgwebong ka a kgona go nna le dipudi tse dintsi mo lobakeng le le khutshwane. Rre Kudumane a re, ere le ntswa  kgwebo e tsweletse sentle, ga go ke go tlhoka dikgwetlho mo thuong. A re o tshwentswe ke bophokoje ba ba bolayang marobanyana a gagwe fa a ile phulong.

A re mo gongwe ke malwetse a leruo a a sa laolesegeng, jaaka fa a ne a latlhegelwa ke marobanyana a le masome a robabongwe, a bolawa ke bolwetse jo ba matlhoko a leruo ba neng ba palelwa ke go bo lemoga fa a di isitse tlhatlhobong. O tsweletse ka go bolela fa thuo ya dipodi e le tiro e bile e tlhoka motho yo o tlhaga go ka ntsha maduo.

A re leruo la diphoko le tlhoka tlhokomelo e ntsi ka di nna fela mo sakeng di sa fule kwa ntle.

O tlhalositse fa a ne a latlhegelwa ke phoko e nngwe e jele polasetike se a dumelang sena le seabe mo goyeng kwa tlase ga tsalo, ka phoko tse di setseng di fekeetswa ke palo ya manamagadi a a nang le one. A re ka gobo a le mo sekgweng se se nang le diphologolo tse di letshwenyo mo leruong, o feletse a tlamega go rua dintsa tse di disang.

O kaile fa dintsa tse di thusa fela thata ka fa leruo le tlhasetswe o tla sala a utlwile ka tsone di bogola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 27 May 2014