Breaking News

Makhanselara a kgala IEC

27 May 2014

Makhanselara a  Borwa Botlhaba  a re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le reteletswe ke go dira go lekane gore Batswana ba ikwadisetse ditlhopho.

Ba supile se fa ba a kgwa modulasetilo wa khansele eo kgaba, morago ga go ba baya pele pego ya seemo sa kgaolo ka Mosupologo, Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro.

Mongwe wa makhanselara, Mme Tidimalo Motlhose a re, go a swabisa gore e re lefatshe leno le ya kwa tlhophong tsa bo lesome le motso, Batswana ba bo ba santse ba le maoto a tshupa go ikwadisa.

A re mo nakong eno, lekgotla la IEC le ka bo le setse le kgona go dirisa maranyane gore batho ba ikwadise e seng gore ba nne mo meleng e meleele.

O kaile fa go sa diriseng maranyane go ikwadisa e le sesupo sa gore lekgotla le saletse kwa morago fela thata. Mme Motlhose a re, “IEC e tshwanetse go bona gore e rotloetsa jang batho go tlhopha.” 

Fa Rre Dichabe Seitshiro wa kgaolo ya Nkaikela kwa Tlokweng ene a re go mo maruding a IEC le puso go bona gore go sekwasekwa gore ke eng batho ba sa ikwadisa jaaka gone go solofetswe.

A re go tlhoka go tsaya tlhopho ka tlhwaafalo, ke sesupo sa gore Batswana ga ba a itumela mme dipatlisiso ke tsone di ka senolang modi wa kgang. Rre Seitshiro a re, “Go tshwanetse ga batlisisiwa gore ke eng fa Batswana ba tenegile jaana.”

Rre Kgabo Mabotseng wa Ramotswa Borwa Botlhaba le ene o ne a lela ka dipalo tse di kwa tlase tsa ba ba ikwadisitseng. O gateletse gore go tshware dithapelo go kopa gore ditlhopho di tsamae ka thelelo gore lefatshe leno le tswelele ele sekao sa Aferika.

E ne e rile a baya khansele pego pele, modulasetilo, Rre Thekiso Sorinyane a kaya fa dipaakanyetso tsa ditlhopho tsa botlhe tsa ngwaga ono go kaiwa di tsamaya sentle.

O tsweletse a re dipaakanyetso tse, di tla dira gore go nne le ditlhopho tse di gololesegileng e bile di sena tsietso jalo di nonotshe puso ya batho ka batho ya lefatshe leno.

Le fa go ntse jalo, a re e rile ka ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso e e sa tswang go wela, ga ikwadisa batho ba le 4 774  kwa Ramotswa fa kwa Tlokweng ba ne ba  le 3792.

Se, se ne sa tsisa dipalo tsotlhe tsa Ramotswa kwa go 20 729 fa tsa Tlokweng di eme kwa go 14 007. O kopile makhanselara go rotloetsa ba ba ikwadisitseng go tlhopha.

Rre Sorinyane o tsweletse a eleletsa ba ba emetseng ditlhopho katlego mo maitekong a bone a go emela setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 27 May 2014