Moroki o lela ka mmaraka
27 May 2014
Moroki wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye a re o tshwenngwa ke letlhoko la mmaraka mo motseng wa bone.
Mme Dikabo Mokoko o boletse fa ba tsweletse sentle mo kgwebong ya go roka mathata a matona e le letlhoko la bareki. Fa a bua mo potsolotsongbosheng, Mme Mokoko o boletse fa ba bona bareki gantsi go tswa kwa merakeng le ntswa ba dira ditiro tsa madi a mabotlana jaaka go baa didibo.
A re go ntse go le boima mo kgwebong e sale batho ba fudugela kwa masimo ka ele bone ba a solofelang go bona theko mo go bone. O tsweletse ka gore selelo sa gagwe se setona ke go bo ba berekela leokwane le ba le dirisang go fetlha motlakase, a gatelela fa metshine e ba e dirisang e le metona ka jalo e e ja leokwane phetelela.
Mme Mokoko o lela sa ga ragele ka batho ba ba tsisang dilwana go tla go rokiwa mme ba di tlogelele ruri, fa ba bangwe ba di tsaya morago ga dikgwedi ba setse ba itlhobogile.
O tsweletse ka go bolela fa ba setse ka mokowa wa dilwana tsa batho, a re se, ke tatlhegelo e tona mo go bone.
E re le ntswa go ntse jalo, a re mo go tse dintle ke gore kgwebo ya gagwe e ne ya ikgapela tiro ya go rokela bana ba masiela le batlhoki kapari ya sekole ya mariga kwa sekoleng se sebotlana sa Shakwe.
O kaile fa madi a teng a le bogadi bo gaufi ka jalo a kgona go thusa go kgarametsa mo kgwebong le go inamola mo lehumeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 27 May 2014