Boitshwaro jwa badiri bo a tshwenya
27 May 2014
Batswana ba tshwenngwa ke maitsholo a ba reng ga a jese di welang a borongwa ba dikgotla tshekelo.
Mafoko a a tlhalositswe ke motshwarelela motsamaisi wa lekgotla legolo la ditsheko, Rre Michael Motlhabi fa a buisa barongwa ba makgotla tshekelo ba lefatshe leno.
A re go tsibogela seo ba ne ba tla ka ditshwetso tsa gore ba kopane le beng ba dikgang go tlhaloganya sentle mathata le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
Rre Motlhabi a re kgang kgolo ya bokopano jo ja malatsi mabedi kwa Palapye ke go tla go abelana le go seka seka ditsamaiso tse di teng gore a di santse di tsamaelana le seemo sa gompieno go kgona go itepatepanya le dikgwetlho tse di teng.
A re seo se tla a dirwa go lebeletswe go tokafatsa ditirelo tse ba di neelang setshaba go fokotsa dingongorego tse di tsenang kwa go bone letsatsi le letsatsi.
O ile a re ntlha e nngwe e e tshwenyang ke ya gore ba thapa bathusi mo diofising tsa bone mme ba ba dirise ditiro tse ba sa tshwanelang go di dira jaaka tsa go ya go gapa le go rekisa dithoto.O gateletse gore tiro eo e tshwanetswe go dirwa ke barongwa ba makgotla eseng bathusi ba bone.
Fa a itebaganya le go diega go tsibogela dikgang tsa setshaba , Rre Motlhabi a re seo se ka kgonega fela fa ba ka bereka ka botswapelo ba itse fa ba direla setshaba.
E ne e rile go le pele, mo mafokong a gagwe a kamogelo, mogolwane wa kgotla tshekelo Mme Tshegofatso Mogomotsi a re, ba kokoanetse go tla go abelana ka dintlha tse di tla a ba tsamaisang le gone go simolodisa ofisi e e tla a lebaganang le dikgang tse di ba amang ele barongwa. A re mo nakong eno ke ene a okametseng ofisi eo mme o tlhoka bathusi ka tiro ya gagwe ele ntsi fela thata.
Mme Mogomotsi o ne a re maikaelelo a mogolo ke go tla go buisana le go sekaseka diphetogo tse di akantsweng le gone go bona gore di tsenngwa jang mo tirisong go leka go tokafatsa tiro ya bone, a tlatsa ka gore o lemoga sentle tiro e ntle e bangwe ba bone ba e dirang ka botswapelo.
O ile a re ba amogela dikgang tse di tswang mo setshabeng di ka nna lesome le botlhano mo bekeng, mme a re se, se supa fa Batswana ba sa itumelele tiro le maitsholo a bone. A re seo se ama serodumo sa lekgotla legolo la ditsheko e bile go ba senya leina. O ile gape a re o a lemoga e bile o tlhaloganya sentle gore le bone ba na le tse di sa ba itumediseng, jalo a tlhalosa fa e le nako ya gore ba di buisane ba sa supa supane ka menwana mme ba lebile gore ba ipaakanye.
A re go botlhokwa gore Batswana ba ba tshephe mme ba ka ba tshepha fela fa ba ka busetsa seriti sa tiro ya bone le go supa setho se se amogelesegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya barongwa
Date : 27 May 2014