Breaking News

Balatedi ba kgothaditswe go tsena mo lenyalong

27 May 2014

Balatedi ba dikereke tse di farologanyeng ba kgothaditswe go tsena mo manyalong a a ka fa molaong ka seo se ka thusa mo go fokotseng mogare wa HIV mo lefatsheng leno.

Kgothatso e, e ntshitswe ke moruti wa kereke ya Tau Pedi, Moruti Nels David, mo letsatsing la segopotso sa bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgotleng kgolo ya Tsabong bosheng.

Moruti o ne a rotloetsa batsena moletlo oo go itsetsepela le go ikanya mo Modimong ka nako tsotlhe. O ne gape a gwetlha balatedi ba dikereke go nna sekao le go tsisa lesedi mo tshabeng ya Modimo. Moruti a re sengwe le sengwe se kgonagala ka thata ya Modimo, ka jalo a kopa botlhe go tshepa le go ikanya Modimo ka nako tsotlhe.

Moruti David o ne a supa fa mogare le bolwetsi jwa HIV/AIDS di okediwa ke go nna le bakapelo ba bantsi, mme a kaya fa go tsena mo lenyalong le le ka fa molaong e le yone tharabololo ka mongwe le mongwe a tla kgona go lebagana fela le monna kana mosadi wa gagwe. O ne a supa fa lelwapa la motia le kagiso, e le bobedi bo tshela mmogo ba nyalane.

O ne a kgala thata bonyatsi a supa fa e le jone bo gakatsang mogare wa /HIV/ AIDS.

Fa rola maikaelelo a letsatsi leo, moruti wa kereke ya St Peter, moruti Filisi, o ne a supa fa e le go gopola botlhe ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS ka dithapelo, le ka go rera lefoko la Modimo, e le tsela nngwe ya bontsha ba ba sa ntseng ba le botshelong lesedi.

Fa a tshuba dikerese mo letsatsing leo mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase, o ne a supa fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le thuto e mongwe le mongwe a ka itshekatshekang gore ene seabe sa gagwe ke eng mo go tlhomamiseng gore mogare wa HIV o a fokotsega. Molaodi Mme Kutlase o supile fa bokopano jwa letsatsi leo e le sesupo sa gore baruti ba tshwanetse go gasa molaetsa wa mogare mo diphuthegong tsa bone ka go farologana, ka seo se ka thusa thata go laola kanamo ya mogare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : TSABONG

Event : Segopotso

Date : 27 May 2014