Babalelang dithuso - kgosi
27 May 2014
Kgosi ya Nkange kwa kgaolong potlana ya Tutume, Rre Oteng Nzonga o kopile Batswana ba ba thusitsweng ka mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a bone, gore ba supe tlhokomelo e e tseneletseng mo go one.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Nzonga a re bangwe Batswana ba ba tshelelang mo lehumeng ba bone dithuso tsa mananeo ka go farologana a akaretsa ditshingwana tsa merogo, dimausu, thuo ya dinotshi le didirisiwa tsa go apaya borotho.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Nzonga a re go a ama gore bangwe ba ba boneng dithuso tsa go nna jalo, go bo go sena sepe se se fetogileng e bile se bonala mo matshelong a bone, se go ka tweng ke maduo a mananeo ao.
A re go itshupile fa bangwe ba sa supe tlhokomelo e e maleba mo mananeong a ba a filweng mme a supa fa bangwe ba tlogetse ditshingwana tsa merogo go fetoga matlotla.
Kgosi a re bangwe ba ba neng ba buletswe dimausu ba tswetse ka go sa tlhole go na le dithoto dipe tse di ka rekisiwang kgotsa one madi a go reka dithoto gape.
O tsweletse a re Batswana ba tshwanetse go lemoga fa puso e tshwenyegile ka seemo sa batho ba ba tshelelang mo lehumeng e bile e na le kgatlhego ya go tokafatsa matshelo a bone.
A re go botlhokwa gore ba ba fiwang dithuso ba di atlarele ka atla tsoo pedi, ba eme ka dinao go kopa thuso e ba ka e salang morago go tlhokomela mananeo a ba thusitsweng ka one gore a ba tswele mosola mo isagong.
Go sale foo, Kgosi Nzonga a re Batswana ba tshwanelwa ke go tsosolosa mokgwa wa boipelego o ba itsegeng ka one.
O tsweletse a re mo malatsing a gompieno, bangwe Batswana ba beile gore puso e tla a ba direla sengwe le sengwe le ntswa ba na le bokgoni jwa go itirela le go itshetsa.
Kgosi o ne gape a supa fa a sa itumedisiwe ke bangwe banana ba ba itlhokomolositseng ngwao ya Setswana.
A re kapari ya bangwe banana e sega tsebe, a tlhalosa fa bangwe ba apara diaparo tse di tlogelang dikarolo dingwe tsa mmele jaaka mohubu le magetla mo lebaleng.
Kgosi Nzonga a re le fa banana ba taboga le diphetogo tsa segompieno, go botlhokwa gore ba tshegetse ngwao ya bone ka ke yone e e tlhalosang boleng jwa bone.
O ba kopile gape go ikgapha mo manyalong a a seng ka fa molaong, a re go dira jalo go ka hema dikgotlhang, dintwa le dipolaano tsa baratani.
Kgosi o supile fa bogodu jwa go thujwa ga matlo le marekisetso bo ile magoletsa mo motseng, a tlatsa ka gore bangwe banana bogolo jang ba basimane, ba amega mo ditirong tse.
A re bontsi jwa banana ba basimane ga ba kgatlhegele go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone mme ba inaakantse le go nwa bojalwa le borukhutlhi fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : NKANGE
Event : Potsolotso
Date : 27 May 2014