Staller o itshetsa ka go letsa katara
27 May 2014
Bogologolo bodiragatsi jwa diletso bo ne bo direlwa go natefisa maitiso kwa meletlong e e farologanyeng e akaretsa manyalo mme se, mo bogompienong se fetogile.
Go rotloetsa bodiragatsi le go godisa talente, puso ya lefatshe leno e bone go le botlhokwa go tsenya letsogo mo go epololeng le go tsosolosa talente ya Batswana ka go dira dikgaisano tse badiragatsi ba supang dineo le ditalente ka go farologana mme ba ikgapele dimpho tse di rothisang mathe.
Mongwe wa badiragatsi ba diletso, yo talente ya gagwe e tsosolositsweng ke Rre Staller Mohorofi go tswa kwa Kokotsha, ke moletsi wa katara wa maemo a ntlha. Modiragatsi yo, o dingwaga tse di masome a mane le bone o sale a ithutile katara a sale dingwaga di le borobabobedi.
Staller o kaile fa a ne a rutiwa katara ke mogaka wa katara moswi Andries Bok, mme a re o amule botsipa jo bontsi mo morutuntshing wa gagwe mme e bile a rata bodiragatsi jo fela thata.
E re le ntswa a ithutile go letsa katara a sale mmotlana, a bo a nna le lerato le le kalo mo go yone, Staller a re go tlhoka seletso se go ne ga mo tlhokisa boroko mme a felela a itiretse setinkane go kgotsofatsa lerata le go nyorelwa go letsa katara.
O ne a tswelela le setinkane sa gagwe a nna a letsa fa a disitse, ka bontsi jwa nako e a e tshedileng a ne a bereka mo merakeng go leka go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Go ya ka moletsi yo, a re e ne e re fa a tsile malatsing a boitapoloso a bo a leletsa ba lelwapa la gagwe setinkane mme e bile mo go ne go ba kopanya ele lelwapa, go tsisa monyenyo le boitumelo mo dipelong tsa bone; mo le ba lelwapa la gagwe ba neng ba utlwa botlhoko fa boela mmerekong.
A re lerato le, le ne la gwetlha motlogolo wa gagwe go bereka fela thata, mme a kgobokanya madi a go mo rekela katara, gore a tle a nne gaufi le bone. Staller o ne a fudugela kwa gae morago ga go amogela katara eo, mme a nna a tshwara ditiro tsa nakwana.
Rre Mohorofi a re e ne ekete motlogolo wa gagwe o ne a dupelela kana a porofita gore puso e tla ntsha letsogo go lemoga le go rotloetsa talente ya gagwe le ya badiratsi bangwe ba ba tswanang nae, ka gone ga simolodisiwa dikgaisano tsa letsatsi la ga tautona. A re o ne a iteka lesego mo dikgaisanong tseo mme a tswelela fela le tsone ngwaga le ngwaga, kwa a nnang a tswa ka maemo a bobedi fela nako le nako.
Sekgantswane se, sa re se itumelela maemo a, le fa tota a itse fa a tshwanetswe ke maemo a ntlha, a re sebe sa phiri fela ke go bo a sa kgone go rulaganya mafoko a Setswana sentle jaaka bangwe ba a phadisanang le bone, a kaya fa ene a itse teme ya ga bone thata go feta Setswana, eleng Sesarwa.
“Tota ke tshwanetswe ke maemo a ntlha, ka fa ke e kgoma katara o ka botsa gore a moswi Andries Bok o tsogile gape, ka ke letsa fela jaaka a ne a letsa, fela ke gore ga ke itse go ala mafoko a Setswana ke isa molaetsa kwa bareetsing, ka jalo ke sone ke felelang mo maemong a bobedi mme legale go tla siama”, Staller a tlhalosa.
Mo bogompienong Staller o letsa katara thata kwa dikgaisanong e bile a re ke gone kwa a bonang dikatso tse di botoka teng.
Ntleng le kwa dikgaisanong o letsa mo meletlong e e farologaneng e tshwarelwang kwa Kokotsha, e bile gape o tumile ka go leletsa banni ba motse.
Dipina tse a setseng a kgonne go di itlhamela tsa Setswana di tharo, ebong. Ke tlhabilwe ke phatsa fa gare ga dirope; Dumelang Batswana le My darli wame my sister waka.
Dipina tse dingwe ke tsa puo ya Sesarwa. Keletso ya ga Rre Mohorofi ke go gatisa dipina tsa gagwe. A re ka motlogolo wa gagwe a itse go bala le go kwala gape a mo ikanya thata, o ka mo kwalela dipina tse, gape a nne mmapatsi le motlhokomedi wa tsa moopelo wa gagwe.
“Ke eletsa go gatisa moopelo wame le gore o ka lediwa mo seromamoweng jaaka morutuntshi wame moswi Andries Bok, ka se e tlaabo ele go tlotlomatsa morutuntshi, le go mo gopola ka thuto le talente e a e tlogetseng,”se se builwe ke Rre Mohorofi.
Mohorofi a re o motlotlo fela thata ka talente e ya gagwe e mo thusa go itshetsa, e tlosa bodutu mo lwapeng la gagwe gape e tsisa boitumelo, popagano, kagiso le lerato mo lesikeng la gagwe.
Modiragatsi yo, o lebogile morutuntshi wa gagwe go bo a ne a se pelotshetlha mme a mo rutile go letsa katara, godimo ga tsotlhe a re o leboga Modimo ka talente e a mo fileng yone le mowa le pelo e ntle e a e fileng morutuntshi wa gagwe gore a bo a mo rutile katara le gone go mo thusa go lemoga talente ya gagwe ka bonana.
Motlogolo wa ga Staller o supile fa talente ya ga malomaagwe e le sengwe se segolo fela thata mo go ba lesika, e bile a kaya fa maitiso a go reetsa malomaagwe a letsa katara a ntsha banana ba lesika la bone mo mebileng le boikgapho mo ditirong tse di maswe.
E re le go ntse jalo, motlogolo o ngongoregile ka batho ba ba tsietsang malomaagwe ba mo neela madi a kwa tlase ka a sa itse go bala le go kwala.
A re o eletsa go bona malomagwe a tsweletse, le talente ya gagwe e godile go feta, a tlatsa ka gore o ya go leka gotlhe go bona gore malomaagwe o fitlhelela ditoro le dikeletso tsa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Botshelo jwa modiragatsi
Date : 27 May 2014