Lekgotla le golola mosekisiwa
27 May 2014
Rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa o falotse ka bobi jwa segokgo morago ga gore ba ba amegang ba tlholwe ke go sala morago tsamaiso ya go kgobokanya bosupi.
Mosekisiwa Johanes Copper wa kgotla ya Bodulong kwa Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi, o ne a lebisitswe molato wa go thuba madirelo a Midbok a bo a utswa dithoto dingwe kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le borataro ngwaga oo fetileng.
Go ya ka lekgotla la ditsheko, dithoto tsotlhe tse di utswilweng di ne di akeretsa dibokoso tsa metsoko, majalwa ka go farologana le dibokoso tsa dikausu.
Fa a tlhalosa, Constable Motswere a re o ne a begelwa ke mosupi wa ntlha ebong Dikeledi Sentlabane, yo e bile eleng mmereki gone koo, gore o belaela fa madirelo a thubilwe go bo go utswiwa, morago ga go fitlhela seemo se sa tshwane le ka fa a se tlogetseng se ntse ka teng.
Constable Motswere a re ba ne ba dira dipatlisiso mme motlhala wa leba kwa go Cooper.
A re mo go gorogeng ga bone ba fitlhela mmelaelwa le ditsala tsa gagwe, ba e leng basupi ba ntlha le bobedi ka tatelano, ba ba supileng fa Cooper ele ene a tsileng ka dithoto, e bile a fitlhetswe a sa ntse a nwa bojalwa jo go belaesegang ene ele jwa bogodu.
A re ba ne ba tsaya mmelaelwa yo o neng a felela a supile fa ka nnete ele ene a thubileng madirelo a bo a utswa dithoto tseo. Fa a ntsha la gagwe Makaseterata Nkau, o ne a supa fa mosupi wa ntlha a ne a nankolola dithoto tse di farologanang le tse di neng di beilwe lekgotla pele le go sa nankoleng gore dithoto tse di ka tswa di lopa bokae.
Rre Nkau a re o ipotsa gore ba bosekisi ba tsaya kae bosupi jo bo sa tshwaneng le jwa mmereki wa madirelo ao.
A re ba sepodise ba tshwanetse go kabo ba tsere mosekisiwa gore a ye go kwala kamogelo ya gagwe ya molato ka nako ya fa a amogela go na le go tla go bua jalo fa pele ga lekgotla, a re ka jalo bosupi jwa ba bosekisi ga bo kake jwa dirisiwa mo lekgotleng ka bo sena boammaruri.
Makaseterata a re mosupi wa ntlha o paletswe ke go supa fa a kile a rekisetsa mmelaelwa dithoto tsa mofuta o, ka jalo ba ka seke ba supe fa ka boamaruri di utswilwe kana jang.
A re ga go na sepe se se ka amanyang mmelaelwa le molato, ntle le gore go fitlhetswe majalwa a go ka se sekeng go rurifadiwe fa ka nnete ele a bogodu.
Makaseterata Nkau a re ere le ntswa ba bosekisi ba ne ba bitsa basupi ba le bane ba botlhe ba supile fa mosekisiwa ele ene ka nnete a dirileng tiro eo, ke ka ntlha ya go sa sale tsamaiso morago, mo go bakileng gore a felele a sa bona mmelaelwa molato.
Rre Nkau a re ga se maikaelelo a lekgotla go golola batho ba ba molato, ke ka gore lekgotla ga le lebe dikgang ka leitlho le motho a di lebang ka teng. O supile fa lekgotla la ditsheko le dirisa bosupi jo bo papametseng, bo rurifaditswe, gona le sepe se se buiwang ka molomo fela.
O ne a kopa ba sepodise go ruta botlhe ba ba amegang mo dipatlisisong ka fa tiro e e dirwang ka teng, e seng jalo badiramelato botlhe ba tla falola dikatlholo le ntswa ba le molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : TSABONG
Event : Tsheko
Date : 27 May 2014