Breaking News

Dipolaano ga se tharabololo - Brooks

26 May 2014

Modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi, Rre Sam Brooks o kgadile dipolaano tse di ileng magoletsa mo lefatsheng leno tse gantsi di dirwang ke borre.

O buile jalo kwa Omaweneno mo phitlhong ya modiri mongwe wa lephata la diphologolo le makgabisa naga, yo o neng a bolawa ke mokapelo wa gagwe kwa Gumare mme morago le ene a ipolaya.

Rre Brooks o ne a supa fa puso e dirisa madi a mantsi ka go isa bodiredi kwa dikoleng le go ba ruta tiro a kaya seo e le poelo morago mo go yone ka e tshwanelwa ke go thapa ba bangwe go thiba diphatlha tsa ba ba tlhokafetseng.

O ne a kaya gape fa ditiragalo tsa dipolaano di ama banana mme a ba kopa go fedisa mokgwa oo ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso.

Rre Brooks o ne a kopa baeteledipele ba maphata a puso aa farologanyeng gore fa go na le dikgang tsa go tlhoka dikutlwisisano tsa bakapelo ba ba mo lephateng gape ba bapile ba fudusediwe kwa lefelong le lengwe le le kgakala go ya go berekela teng.

Mabapi le tiraglo eo o ne a kopa gore bana ba yo o tlhokafetseng ba sidilwe maikutlo bogolo jang wa nagwaga tse tlhano wa mosetsanyana ka tiragalo eo e diragetse mo matlhong a bone.

Modulasetilo o supile fa go bolaya yo mongwe go sa letlelesege ka ebile e le boleo go ya ka fa molaong wa modimo.

Rre Brooks o ne a bua a menne phatlha fa dikgang tsa mofuta oo di utlwisa botlhoko ka di tlogela bohutsana le matlhotlha pelo mo go ba ba neng ba ikaegile ka yo o tlhokafetseng.

Monnasetilo wa khansele potlana ya kgalagadi yo ebileng e le mokhanselara wa Tsabong bokone o ne a kopa borre go tlogela mokgwa oo setlhogo oo wa go bolaya bakapelo ba bone mme ba ba tseye jaaka bokgaitsadia bone. A Kaya fa gape go bolaya e se tharabololo mme e le go tlogelela ba ba setseng ka kutlobotlhoko bohutsana.

O ne a kgothatsa borre go nna ba ipha sebaka sa go ikakanya pele le go nna le dipuisano le bakapelo ba bone pele ga ba ka tsaya ditshwetso tse di seng maleba ka molemo wa kgang e le go buiwa le gone go kopa dithuso mo go ba ba lebaneng jaaka mapodisi, dikgosi,badiri ka bone , ditsala le batsadi ka seo se ka thusa go rarabolola dikgang tsa bone.

O ne gape a kgothatsa batsadi ba ngwana wa mosimane le wa mosetsana gore mo dikgannyeng tse di ntseng jalo go dirisana mmogo le go tshwaragana bogolo jang fa go tlogetswe bana.

Rre Brooks o ne a gakolola batsadi ka molao wa bana wa 2008 oo letlang gore ngwana o tshwanetse ke go itse batsadi ba gagwe botlhe le go utlwa bothito jwa lorato lwa bone boobabedi le gone go mo tlhokomela botlhe.

O ne a kopa gape bomme go tlhama dikomiti tse ka tsone ba ka kgonang go emisa kgokagontso ya borre, le gore seo gape seka ba thusa tshidilo maikutlo mo go bangwe ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo matshelong a bone a tsatstsi le letsatsi.

A tlatsa ka go gakolola batsadi go nna le botsalano le bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo go kopeng dikgakololo mo go bone mabapi le tsa marato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Tirelo ya phitlho

Date : 26 May 2014