Breaking News

Banni ba Maake ba lebogela dimpho

26 May 2014

Kgosi ya Maake, Kgosi Boipelo Moilwa o akgotse badiri ba khamphani ya Majwe, go bo bane ba bona go tshwanela go abela banni dimpho tsa dikobo.

Kgosi o dirile kakgolo eo mo kabong dimpho kwa motseng oo bosheng. Kgosi Moilwa are go aba dimpho ke go supa boikarabelo le go tsaya karolo mo go diragatseng matshego le dipilara tsa toro ya sechaba ya tebelopele ya 2016.

A re se se tsamaelana le dithuto tsa baebele jaaka ere rata mong ka wena jaaka o ithata. Rre Moilwa one a kopa morafe wa gagwe go amogela dimpho tseo ka matsogo oo mabedi, a re mpho ke selo se se senang tlwatlwa le fa ele sone sekale tota.

A re fa motho a fa yo mongwe goa bo go sa reye gore ene ga se motlhoki a re ba komponi ya Majwe le bone ke batlhoki ka go na le tse le bone ba di tlhokang.Mme fela ka lorato le kutlwelobotlhoko e ba nang le yone ba ne ba bona go tshwanela go tla go abela banni ba Maake dimpho tse di kanakana tse le bone ba di bereketseng ka bongwe fela jwa pelo le ka maikaelelo a go dira se ba se dirileng mo motseng wa Maake letsatsi la gompieno.

Rre Moilwa one a kopa ba ba neng ba abelwa dimpho tseo go di tlhokomela le go di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng, a ba a ba kgothatsa go leboga ba komponi ya Majwe le botlhe ba ba kileng ba ba abela dimpho ka se se supa fa go na le batho golo gongwe ba ba kgathalang ka matshelo a bone le motse wa bone le fa o le kgakala le ditlamelo.

Moanamisa mafoko wa komponi ya Majwe, Rre Archibald Ngakagae are bane ba nna fa fatshe ba thulanya ditlhogo ba bo ba ipotsa dipotso e le ba komponi ya Majwe mme ba lemoga fa sechaba sa Botswana se na le letlhoko le matshwenyego aa farologaneng lefatshe ka bophara ba bo ba lemoga fa puso le yone ka nosi e ka se kgone go thusa batlhoki le masiela le ba ba tlhokang tse dingwe tse di farologanang nko ntle ga kemo nokeng ya bone.

Rre Ngakagae a re ba ne ba gwetlhwa ke mangwe a matshego a tebelopele ya 2016 ya tshaba ee kutlwelobotlhoko ee siameng ee ratang batho botlhe.

A re batho ba motse wa Maake ba seke ba tshwenngwa ke go bidiwa batlhoki le go nna kgakala le ditlamelo, bone e le ba komponi ya Majwe baa ba rata e bile ba bona ba tshwana fela le metse ee gaufi le ditlamelo.

Rre Ngakagae a re ba thusitse metse e mentsi mo tikologong ya toropo ya Jwaneng mme jaanong ba simolotse go atologela kgakala le toropo eo. A re maikaelelo a bone ke go tswelela bawa ba bo ba tsoga le ba ba tlhokang dithuso lefatshe ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Molatole

Location : HUKUNTSI

Event : Kabo Dimpho

Date : 26 May 2014