Seemo sa dikole se tshwenya kgosi
26 May 2014
Kgosi Phokontsi Seeletso wa Mmadinare a re o tshwenngwa ke seemo sa dikole tsa motse wa gagwe, se se dirang gore barutabana ba tshware phage ka mangana mabapi le boitshwaro jwa baithuti jo bo sa itumediseng.
Kgosi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke ba Mmadinare Development Trust bosheng.
A re barutabana ba sekolo se sebotlana sa Letsibogo le se segolwane sa Merementsi ba na le bothata jwa go tla thari ga bana gammogo le go tla ba le leswe, fa bangwe ba tla ba gogile dilo tse di farologaneng di akaretsa motokwane le glue.
Kgosi a re go supagala fa mo malatsing a gompieno batsadi ba itlhokomolositse tlhokomelo ya bana ba bone. O tlhalositse fa barutabana ba setse ba tshaba go otlhaya bana ba sekole ka ba a ba lwantsha..
Kgosi Seeletso o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone e sere morago ba bo ba supa lephata la thuto le barutabana ka monwana. A re ga se gore fa barutabana ba gompieno ba le bannye ba seka ba tlotlwa.
Modulasetilo wa koporase ya Mmadinare, Rre Moseki Moseki e rile a kgwa kgosi kgaba, a kopa banni ba Mmadinare gore ba nne ba tsena diphuthego gore ba kgone go lekodisiwa ka dikgang tse amang motse wa bone.
Fa a ama tsa koporase, Rre Moseki o tlhalositse fa bokopano jwa koporase bo tshwarwa ngwaga le ngwaga, mme supa fa a sa itumelele ka go sa tseneng diphuthego tsa koporase ka teng. O tlhalositse gore ka tshwanelo dikomiti tsotlhe tsa motse di tshwanetse go nna di kopana di abelana bogakolodi.
Rre Moseki o tlhaloseditse morafe fa koporase ya Mmadinare e le ya bone ka jalo ba tshwanetse go tswa ka megopolo e e ka thusang gore koporase e gole. A re koporase ya Mmadinare e lebanwe ke letlhoko la madi fa e sale letsomo la diphologolo le emisiwa ka ba ne ba ikaegile ka thekiso ya ditlou.
Mothusa modulasetilo wa koporase ya Mmadinare Rre Ditshupo Ntwaagae a re ba ithutile go le gontsi morago ga gore letsomo la diphologolo le emisiwe. A re ba dule ka megopolo e tshwana le go nna le thuto seka dipuisano tse di akaretsang boeteledipele jwa motse jaaka dikgosi le makhanselara go betla tsela gore ba ka dira madi ka tsela efe.
O tlhalositse fa koporase ya Mmadinare e na le dikago tse e ka di hirisang go tsenya madi mo letloleng ,go dira botsalano le bo radikgwebo jaaka go beeletsa le gone go tlhabolola setsha sa Eco- Lodge se se ka dirisediwang go rekisa dilwana tse di dirilweng ka diatla di tshwana le ditlatlana .
O tlhalositse fa ba na le bothata jwa gore ba ofisi ya ga molaodi kwa Mmmaduinare ga ba nke ba tsena diphuthego tsa koporase.
O kopile morafe gore mo nakong e e tlang ba tlhophe banana ba ba nang le bokgoni jwa go tsamaisa koporase ka ba ka tlisa megopolo e mesha e e ka e tlhabololang. A re ba na le bothata jwa go tlhoka motho yo o rutetsweng tiriso ya madi.
E rile a leboga Rre Eric Masalila yo eleng leloko la koporase ya Mmadinare a kopa ba ba nang le kitso ya go dira ka diatla jaaka go loga le go betla go ikopanya le ba komiti ya ba koporase gore ba tle ba amogane dikitso tsa go nna jalo .
O kopile komiti e kgologolo go bereka le e ntsha go kgona go tsweledisa maikaelelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 May 2014